KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e...

16
YBB e kgatlhisitse ka ditiro ka e le yunibesiti e e kopaneng mo dingwageng tse di fetileng,” ga bua Ngk Eloff. Dikao tsa ditiro tse di kgatlhisang tsa tswelelopele ke tse di latelang: Palo ya ba ba fetang e tokofetse; • Dikumo tsa patlisiso di tokofetse gagolo (YBB e mo maemong a boratharo mo setšhabeng); Dikatlego ka tsa ditšhelete(dikhampase ka boraro di dira kabelo mo ditshenyegelong tsa YBB tsa bophara mme re tsentse gaufi le dimelione di le R100 mo dikagong mo dingwageng tse tharo tse di fetileng); mme Kagiso ka mo baithuting ka gale mo dikhampaseng tsotlhe tse tharo. “Go tlaleletsa, Ngk Eloff a re, re kgonne go tshegetsa tekatekanyo magareng a bongwe le dipharologano, re bontshitse tswelelopele ka thapo ya tekatekanyo mme re simolotse ka maatla go lebagantsha diporokerama tsa akatemi. Re tshwanetse go tlhomamisa gore re netefatsa polelopele le ponelopele ya rona. Se ke tiro ya rona e e tswelelang. Go tlaleletsa, le fa go le jalo, go na le kelotlhoko ya boleng le bongwe go ka tsholetsa fela katlego e YBB e e boneng e le setheo se se kopaneng go fitlhela jaanong. Ka 2008 go aga boleng go ka laolwa ke go ipaakanyetsa thuno ya HEQC mme go aga bongwe, go ka lekalekantsha le go tsamaisana le go aga mowa wa bongwe. Ditiro tse di tla diragatsiwa ka mo tlase ga Leano la Setheo la YBB le le boeleditsweng mme la amogelwa ke Khansele ka Ngwanatsele 2007”. – Ngwaga ya boleng le bongwe 2008 Boleng “Le fa thuno ya HEQC e isitswe kwa pele go Moranang 2009, re akantse go se latlhegelwe ke tswelelopele e re e dirileng go fitlha jaanong,” ga bua Ngk Eloff. Ka nako ya ditirelo tsa go bula semmuso dikhampase tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka tshimologo ya ngwaga, Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB, o kaile ngwaga ya 2008 leina la gore ke ngwaga ya boleng le bongwe. Eish! e ile ya mmotsa gore kaelo e ya 2008 e raya eng ka botlalo. Motlakase o o timiwang ka kgaoganyo ya motlakase go tswa go Eskom o re ama rotlhe. Phetlhola o ye kwa tsebeng ya borataro go bala go feta ka ga maano a Yunibesiti ya Bokone-Bophirima go tlhomamisa gore Ofisi ya Setheo le dikhampase tse tharo di tswelela ka ditiro tsa bone le fa go tswelelwa ka dikgaoganyo tse tsa motlakase. Bala tsê! 3 13 Tirelo ya go toloka kwa dikolong 16 Ikitsise Mokwadisi wa Setheo yo Montšhwa KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE 2008 Lekwalodikgang la bathapiwa la kgweditharo go Setšhaba sa YBB E tswelela ka mo tsebeng ya 5 Se tshwenyege bagaetsho, nako tsotlhe go tlhola go na le lesedinyana ka mo bokhutlong jwa kgogometso! Letsatsi la thepiso le bopa mowa wa bongwe

Transcript of KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e...

Page 1: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

“YBB e kgatlhisitse ka ditiro ka e le yunibesiti e e kopaneng mo dingwageng tse di fetileng,” ga bua Ngk Eloff. Dikao tsa ditiro tse di kgatlhisang

tsa tswelelopele ke tse di latelang:• Palo ya ba ba fetang e tokofetse;• Dikumo tsa patlisiso di tokofetse gagolo (YBB e

mo maemong a boratharo mo setšhabeng);• Dikatlego ka tsa ditšhelete(dikhampase ka boraro

di dira kabelo mo ditshenyegelong tsa YBB tsa bophara mme re tsentse gaufi le dimelione di le R100 mo dikagong mo dingwageng tse tharo tse di fetileng); mme

• Kagiso ka mo baithuting ka gale mo dikhampaseng tsotlhe tse tharo.“Go tlaleletsa, Ngk Eloff a re, re kgonne go

tshegetsa tekatekanyo magareng a bongwe le dipharologano, re bontshitse tswelelopele ka thapo ya tekatekanyo mme re simolotse ka maatla go lebagantsha diporokerama tsa akatemi.

Re tshwanetse go tlhomamisa gore re netefatsa polelopele le ponelopele ya rona. Se ke tiro ya rona e e tswelelang. Go tlaleletsa, le fa go le jalo, go na le kelotlhoko ya boleng le bongwe go ka tsholetsa fela katlego e YBB e e boneng e le setheo se se kopaneng go fitlhela jaanong. Ka 2008 go aga boleng go ka laolwa ke go ipaakanyetsa thuno ya HEQC mme go aga bongwe, go ka lekalekantsha le go tsamaisana le go aga mowa wa bongwe. Ditiro tse di tla diragatsiwa ka mo tlase ga Leano la Setheo la YBB le le boeleditsweng mme la amogelwa ke Khansele ka Ngwanatsele 2007”.

– Ngwaga ya boleng le bongwe2008

Boleng

“Le fa thuno ya HEQC e isitswe kwa pele go Moranang 2009, re akantse go se latlhegelwe ke tswelelopele e re e dirileng go fitlha jaanong,” ga bua Ngk Eloff.

Ka nako ya ditirelo tsa go bula semmuso dikhampase tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka tshimologo ya ngwaga, Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB, o kaile ngwaga ya 2008 leina la gore ke ngwaga ya boleng le bongwe. Eish! e ile ya mmotsa gore kaelo e ya 2008 e raya eng ka botlalo.

Motlakase o o timiwang ka kgaoganyo ya motlakase go tswa go Eskom o re ama rotlhe. Phetlhola o ye kwa tsebeng ya borataro go bala go feta ka ga maano a Yunibesiti ya Bokone-Bophirima go tlhomamisa gore Ofisi ya Setheo le dikhampase tse tharo di tswelela ka ditiro tsa bone le fa go tswelelwa ka dikgaoganyo tse tsa motlakase.

Bala tsê!3 13Tirelo ya go

toloka kwa dikolong 16Ikitsise Mokwadisi

wa Setheo yo Montšhwa

KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE 2008

Lekwalodikgang la bathapiwa la kgweditharo go Setšhaba sa YBB

E tswelela ka mo tsebeng ya 5

Se tshwenyege bagaetsho, nako tsotlhe go tlhola go na le lesedinyana ka

mo bokhutlong jwa kgogometso!

Letsatsi la thepiso le bopa mowa wa

bongwe

Page 2: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

mmogo ka 2008Ka dikgwedi tsa ntlha tsa 2008

morafe wa YBB o ne o lebagane le dikgwetlho, e kgolo e ne e le mathata

a a tlisitsweng mo tirong ya letsatsi le letsatsi ke porokerama ya go kgaoganya motlakase ya Eskom. Mo tsebeng ya 6 Moporof Johan Rost, Mokaedi Mokhudutamaga: Ditšhelete le Dibebofatsi, o tlhalosa gore Yunibesiti e dirisa jang boitseanape jwa yone go bona lesedi ka mo lefifing le, e seng fela ka mo dikhampaseng mme le mo kgaolong ya mmasapala wa Potchefstroom, mo porofenseng le mo setšhabeng.

Kgwetlho e nngwe gape ke go tsweledisa tswelelopele e e setseng e dirilwe ka go baakanyetsa thuno ya 2009 ya Komiti ya Boleng ya Thuto Godimo(Higher Education Quality Committee (HEQC)). Mo tsebeng ya 5, Ngk Theuns Eloff, Motlatsa mokhanseliri wa YBB o tlhalosa kgang e ka e le setlapele sa togamaano sa 2008.

Fa re tlhagelelwa ke dikgwetlho tse di tshwanang le tse, dikopano tse di tlhalthaganeng ka tatelano, go tlhopha ditsela, dikgato tsa go tsaya le diporojeke tsa go tlhomela, tsotlhe di ka dira gore motho a itlhoboge mme a fele pelo. Mo bofelong jwa ngwaga ke ne ka bona dibetsa tse di siametseng go ka lwantsha dikhuduego tse di sa siamang tse ka go tsena khoso ya go ikgodisa e e rutilweng ke karolo ya Tlhabololo le Thuto tsa Setheo ya mo Ofising ya Setheo.

Khoso e ile ya bontsha mabaka a a farologaneng a a thusang go ikgodisa mme ke rata go le loma tsebe ka ga one mme ke solofela gore a ka go thusa go go kaela tsela mo ngwageng e ya dikgwetlho e, gore e nne e e se nang boreledi.

Go simolola go ikitse ka nnete sentle

Bontsi jwa rona re itlhaganetse go feta mo bophelong, re iphitlha ka mo morago ga dimmampakisi tsa motho yo re batlang batho ba di itse mo lefatsheng. Go ka kgona go phela ka nnete go feta, o tshwanetse go ikitse le go phela ka nnete se wena o leng sone ka nnete.

Go tshegetsa maatla a dikakanyo tsa gago

Ka mo thoko go itse gore ruri o mang o tshwanetse go itse gore o akanya eng. Go ya ka melao ya gore o gogela eng mo go wena, o gogela dilo tse di positifi le batho ba ba jalo mo bophelong jwa gago le fa o ipona o le posetifi mme o akanya jalo ka ga lefatshe le batho ba bangwe. Mathata fela ke gore le fa o busetsa se morago se ke nnete. Henry Ford o rile: “Fa o akaya gore o siame kapa ga o a siama, o nepile.”

Tlhopha maikutlo a a posetifi

Fela jaaka dikakanyo tsa gago di le botlhokwa le maikutlo a gago ka ga gago le lefatshe le batho ba bangwe a botlhokwa. Palo e kana ka 10% ya bophelo ke tse di diragalang ka wena mme 90% ke gore o itshwara yang ka tse di go diragalelang. Ga o kgone go itlhophela mabaka a bophelo mme o kgona go tlhopha gore o itshwara jang mo go one.

Phela ka mosola

Kgang e nngwe e e tshwanetseng go bonwa e le botlhokwa ke gore mosola wa gago wa bophelo ke eng. Fa o batla go phela ka mosola o tlhoka go itemogela gore maitshwaro a gago ke afe mme o a phele. One ke dilo tse o bonang gore di botlhokwa mme ke tse o di batlelang bophelo jwa gago. Ke

tse di le kgatlhanong le maitshwaro a mmampakisi a a tswang go tse e leng tshwanelo, tse e leng peelomabaka le tiro ya go gatelwa.

Ka jalo, go ka kgatlhantsha dikgwetlho tse di lebaganeng le rona ka ngwaga ya 2008, ikarabele ka nnete, tshegetsa dikakanyo tsa gago, nna posetifi mme sala morago mosola o o botlhokwa jwa bophelo jwa gago.

Fa re arabela kopo e mme re tshwarana diatla, YBB e tla gola go feta palo ya dikarolo fa di kopane. Botlhokwa jwa motheo o, o o bidiwang tirisanommogo, o gatelwa ke Ngk Eloff ka mo athikeleng ka mo tsebeng ya boraro mo ene a tlhotlheletsang morafe wa YBB go emana nokeng, go rutana le go thusana.

Go fitlha jaanong jaana, go tlhakantsha matsapa a rona a setse a tlisitse dikabelo tse di mmalwa tsa kgatlhego mo dikgweding tsa ntlha tsa ngwaga ya 2008, jaaka go re amogedisa kabelo ka pholisi ya rona ya go dirisa dipuodintsi jaaka re kgonagatsa go tswa mo Boto ya Dipuo ya Pan-South African Language Board (PanSALB) (tsebe 12), go fetisetsa ditiro tsa bofetoledi jwa popontšhwa go ya kwa dikolong (tsebe 13) le go tshegetsa thulagano e e siameng ya bolaodi jwa ditšhelete (tsebe 14).

A re tswelele pele re beile matlho ka mo 2008 mo maikaelelong a rona a a tshwanang mme re tshegetse boleng. Ka go gola le go dirisana mmogo, ka go dirisa maatla a dikakanyo tse di posetifi, re ka isa Yunibesiti e kwa godimo-dimo.

O kopiwa gore o romele dikakanyo le ditlhagiso mo go rona. Romela lekwalo kwa go motseleganyi, Nelia Engelbrecht, fakese kwa go (018) 299 4938 kapa eposo kwa [email protected].

Ka ditebogo,Nelia Engelbrecht

Moh Mandi Wallace wa Tlhabololo le Thuto ya Setheo(Organisational Learning and Development (OLD)), le Mor Neil Conradie, motlhatlheledi wa boetapele le kgodiso ya khumo. Khoso ya go ikgodisa ka bowena e e rutiwang ke Mor Conradie e nnile khoso e e ratiwang go feta dikhoso tsotlhe tsa OLD. Fa o na le kgatlhego ya go ka tsena khoso e o ka romela eposo go Moh Wallace kwa [email protected]

Nelia Engelbrecht

A re dire mme re gole

2 I

GO TSWA GO MOTSELEGANYI

Motseleganyi: Nelia Engelbrecht – [email protected] Motseleganyi wa khopi: Clairwyn van der Merwe Diphetolo: Bokaedi: Mereo ya Dipuo - YBBPopo ya ditsebe: Graphikos Kgatiso: Graphic Imprint Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Lieze du Preez Setshwantshometlae: Wilson MgobhoziGo ka bona tshedimosetso e nngwe: Nelia Engelbrecht – Tel (018) 299 4937 Fax (018) 299 4938Lekwalodikgang la Kgweditharo, Eish! E gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferikanse ke Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kgolagano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe o ka ikopantsha le Mme Nelia Engelbrecht.

Page 3: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

P: O bona tiro ya gago ya Mokwadisi wa Setheo wa YBB jang?K: Ke batla go ithuta pele setheo se se dira jang mme ke ithatlhele ka mo setsong sa YBB, go baletswe le go phedisa “maitshwaro a go diragatsa”. Ke tla rata le go dirisa maitemogelo a me a a bophara, a ke a amogetseng ka mo setšhabeng le mo ditšhabatšhabeng, ka mo morafeng wa YBB. Ke dumela gore ke ka oketsa ka mokgwa o o bonagalang le ka o o mosola go ka tlhabolola le go fetola setheo se.

Gape, ke tla rata go ema nokeng Motlatsa-mokhanseliri le Balaodi ba Setheo ka tshedimosetso ya boleng go feta ka tiragatso e e siameng ya dithulaganyo tse di farologaneng tsa puso le taolo.

P: Kakanyo ya gago ya YBB ke eng go fitlhela jaanong?K: Go bonagala sentle gore YBB ke yunibesiti e e tsepameng, e e botswerere, e e bonang go ruta le go ithuta le patlisiso le tirisano le merafe le tiriso jwa ditšhelete ka tlhoafalo e kgolo.

P: YBB e ka bona mosola jang ka maitemogelo a gago?K: Ke na le tlhaloganyo e e tseneletseng ya dithulaganyo tsa puso, dithulaganyo tsa melao le gape dithulaganyo tsa bolaodi ka mo tikologong ya thuto godimo. Gape ke ne ke laotse diporojeke tse di kgolo mme ke tshwaragantshitse dikutlwanommogo tsa ditšhabatšhaba tse di neng tsa tshegetsa tirokgolo ya yunibesiti ka mo leseding la ditšhabatšhaba. Gape go oketsa, ke ne ke dirisane mmogo ka mo setšhabeng le mo ditšhabatšhabeng ka tlhomamiso ya boleng jaaka mo thutong godimo, le gape ka dithuno le ka dithulaganyo tsa go atlhola. Ke ne ke dirisane le Khansele ya Thuto Godimo (CHE) go tloga ka tlhomelo mme ke ne ke biditswe leina ka 2001 gore ke simolole Bokaedi jwa bone jwa Thuno, mme morago ga moo ka direla diphanele tse di farologaneng tsa thuno. Ke tokololo ya Khomiti ya go amogela Semmuso ya HEQC yo a fetang botlhe ka nako ya thapo ya ruri.

P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo ke eng?K: Ponelopele ya nako e khutswane ke go tlhomamisa gore dithulaganyo, dipholisi le ditiragatso tse di leng teng di a tlhomelwa mme di boeletswa gangwe le gape go tlhomamisa tswelelopele. Mo nakong e telele ke tla rata gore YBB e atlholwe e le mo gare ga diyunibesiti tse di 100 tse di kwa pele mo lefatsheng ka bophara. Re ka kgona se ka go se akanyetse fela jaaka pele mo teng ga lesaka mme re akanye ka bophara le kwa ntle ga

INSTITUTIONAL MANAGEMENT NEWS

I 3

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

Baakatemi le bolaodi ke kopantsho – e e sa fufutseng mo go Ngk MosiaNgk Themba Mosia,Mokwadisi wa Setheo yo montšhwa wa YBB, ga a na fela maitemogelo a magolo a go busa le go laola mo ditheong tsa thuto godimo mme o na le maitshetlhego a a bophara a baakatemi. Eish! e mmoditse go re tlhalosetsa ka ga tiro ya gagwe ya Mokwadisi wa Setheo, ponelopele ya ofisi ya gagwe, dikakanyo tsa gagwe tsa YBB go fitlhela jaanong le gore maitemogela a gagwe a ka tswela Yunibesiti mosola jang.

lesaka, mme re dumele gore YBB ke thuo ya setšhaba e e ka abelang ka mo lefatsheng lotlhe le mo setšhabatšhabafatsong ya thuto godimo. Re tshwanetse go abela le mo tlhabololong ya bokgoni le go fokotsa bohumanegi ka mo Aferika Borwa gore re bope maphelo a a tokofetseng go badudi botlhe. Go fa sekao, ke ka rata gore dithuto tsa Masaense a Boitekanelo a oketswe gore re kgone go tshwara poo ya dikgwetlho tsa boitekanelo jwa setšhaba sa rona.

Mo godimo ga maitemogelo a puso, o na le lenaneo le letelele la ditiro ka mo akateming le mo patlisisong. Ka bokgoni jwa gagwe jwa go dudisa mmogo baakatemi le maitemogelo a puso, go bonagala sentle gore ka Ngk Mosia, YBB e bone mongwe ka tlhaloganyo le ka ponelopele go ka maatlafatsa boteng jwa mo Yunibesiting jo bo setseng bo le teng le ka kamogelo e e setseng e le teng ya puso le bolaodi tse di thata ka mo karolong ya thuto godimo ka mo Aferika Borwa.

Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo bo tseneletseng jwa akatemi, puso le bolaodi ka mo tikologong ya thuto godimo.

O tsetswe mme o godisitswe ka mo Foreisetata, o amogetse dikerii ya BA, Dipoloma ya Thuto ya morago ga dikerii le BA Onase ya Bosaense jwa Dipoletiki kwa Yunibesiting ya Bokone ya pele.

Go bona MA ya Diatshe, o dirile thuto ya go bapisa dithulaganyo tsa bolaodi jwa thuto tsa USA le Aferika Borwa kwa Portland State University kwa Portland, Oregon (USA).Thuto Godimo – mme thata dithuto tsa bolaodi le dipholisi – gape e ne e le ditlhogo tsa PhD ya gagwe, e a e amogetseng go tswa mo Yunibesiting ya Pretoria ka 2002. O ithutile le molao kwa Unisa.

Ka 1991 o ne a thapilwe go nna Motlatsa-Mokwadisi: Akatemi kwa Yunibesiting ya Bokone ya pele. Morago ga dilemo di le thataro ka mo tirong e o hudugetse kwa Medunsa(Medical University of Southern Africa) mo a neng a dira pele a le Motlatsa-Mokwadisi mme morago a nna Mothusa-Mokwadisi mme mo bofelong a nna Mokwadisi.

Fela morago ga kopano, dikgwetlho tse di ntšhwa tsa thuto godimo e e poraefete di ile tsa mmitsa. O ne a thapilwe ke Educor go nna Diini ya Dithuto:Thuto Godimo mme ka yone nako eo o ile a dira e le mogakolodi wa balaodi ka boene nako e khutswane.

Morago ga moo o ile a thapiwa go nna Molaodimogolo: Diboto tsa Barutegi kwa Khanseleng ya Barutegi ba Boitekanelo ya Aferika Borwa, ka boikarabelo jwa go tlhokomela diboto tse di 12 tsa barutegi tse di rutang mme tse di katisang barutegi ba boitekanelo mo thulaganyong ya Thuto Godimo. O ne a dira tiro e go fitlhela a thapiwa ke YBB ka Ferikgong wa 2008.

Ngk Themba Mosia,Mokwadisi wa Setheo yo montšhwa wa YBB.

Maikarabelomagolo a gagwe:

• Mokwadisi semmuso wa Khansele, Senete, Balaodi ba Setheo, Khonwokeišhene le dikhomiti tsa teng

• Kwadiso ya baithuti, dikapeso le ditlhatlhobo ka mo leweleng ya Setheo

• Tlhomamiso ya Kamogelo ya diporokerama ka kwa ntle, kamogelo-semmuso le kwadiso ya tsone

• Dithulaganyo tsa Tsamaiso tsa Baithuti • Ditirego tse di itumedisang tsa bakwadisi ba dikhomiti tsa Yunibesiti• Tsamaiso ya Setheo, go akareditswe le dikalentara le mananeo a

dipakathuto tsa Setheo• Diakhaefe le dimusiamo tsa Setheo • Ofisi ya Molao • Ditumelano tsa Ditšhabatšhaba• Bokaedi jwa Dipuo

Boitseanape jo bo tseneletseng

Page 4: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

4 I

PATLISISO YA BABADI

Ditebogo go botlhe ba ba tladitseng dipotsolotso tsa Eish! ka mafelo a 2007. Re amogetse dikarabo tse di botlhokwa go tswa go babading mme re rata go le loma tseba ka ga tsone.

• Eish! E dula e sedifaditse badirimmogo mme e tlhalosa bophara jwa YBB.

• E fetisa tshedimosetso e e sa tleng ka ditsela tse dingwe.• E godisa mowa wa gore ke mo gae le mowa wa bongwe.• Ke kgatiso e le nosi e e tlotlang Ofisi ya Setheo.

Dikakanyo tsa tokofatso:

• Gatisa dikgang ka ga batho fela, e seng ka ga balaodi ba kwa godimo

fela.

• Tsenya le diathikele tse di amanang le botho fela.

• Fana ka tshedimosetso ka ga mafapha a a sa itsiweng thata mo YBB.

• Gatisa diathikele ka ditlhogo jaaka tlhabogo mo tirong, dikgakololo tsa

go dirisiwa go ka tokofatsa boitekanelo jwa badirimmogo ba YBB.

• Tsenya le dikgaisano, tsebe ya makwalo, a metlae go tshegisa, dikgakololo

tsa thuso, kholomo ya dipotso le dikarabo ka ga mabaka ka mo YBB

mme gape le diathikele tse di rometsweng ke babadi ba Eish! ka kabelo

go athikele e e di phalang.

Go bonagala sentle gore Eish! e setse e ikemetse e le sediriso sa neeletsanyo mme jaaka re itse go na le mo go ka tokofatswang mme go godisiwe mme re tla ela tlhoko dikakanyo tsotlhe mme re di dirise.

Ka kopo, dula o le tokololo ya balosika ba Eish! mme tswelela go romela dikakanyo, ditshitshinyo le makwalo go motseleganyi Nelia Engelbrecht kwa [email protected] kapa mogala x4937. Se lebale, dikakanyo tsa gago di botlhokwa mme di a balelwa!

Dikakanyo tsa lona tsa Eish!

Adri du Plessis Celesté Reynolds Sonette Coetzer Nicolette Badenhorst Thercia van der Merwe

Ke bone bafenyi!

Palo ya 62 ya babadi ba Eish! ba rometse dipotolotso tsa bone. Ba ba

20 ba ntlha ba amogela tšheke ya R150. Gape ba batlhano ba ntlha

ba amogetse dimpho tsa korporatifi jaaka faele ya sekopelo sa sipi

sa YBB, pene le kalentara ya tafole e ntle.

Tirelo ya dikabelo mo ditšheke le dimpho tsa korporatifi di ileng tsa

amogelwa ke bafeny e ne ya tshwarelwa kwa kagong ya Joon van Rooy ka

letsatsi la Valentine.

Badirimmogo ba ba mo tlase ke babadi ba batlhano ba ba neng ba le ba ntlha go romela dipotsolotso tsa bone.

Bafenyi ba ba lesego ke:

• Sonette Coetzer

• Nicolette Badenhorst

• Celesté Reynolds

• Thercia van der Merwe

• Adri du Plessis

• Izette Schouwstra

• Coréne vd Merwe

• Lazarus Tseole

• Caswell Tlharipe

• Sanet Janse van Vuuren

• Janine du Toit

• Kiewiet Scheppel

• Daniel Shuping

• Dina de Beer

• Sanika du Plessis

• Vanda Pretorius

• Lizelle le Roux

• Marianne de Kock

• Karen Jacobs

• Maggie ParkinRe le fa lebogo lotlhe!

1 3/

Go tswa mo dikarabong tse di amogetsweng go bonagala sentle gore babadi ba Eish! ba itumetse ka tebego le popo le diteng tsa lekwalodikgang le gore diathikele di arabela ditlhokego tsa bone

tsa neeletsanyo.Diphetho tse di ka balelwang ke tse di latelang:

• Bontsi jo bo fetang jwa baarabi ba rata leina la kgatiso, popo ya A4, palo ya ditshwantsho le botelele le mokgwa wa go kwala wa diathikele.

• Le fa bontsi ba re lekwalodikgang la dikgwedinne e siame, go na le palo e kgolo ba ba reng ba ka rata go bona Eish! gangwe ka kgwedi.

• Palo e e gaufi le ya baarabi ba re ba tlhopha lekwalodikgang la ditsebe tse 16(jaaka jaanong) mme ba ka rata ditsebe tse 12. Kgatiso ya ditsebe tse robedi ga e ratiwe ke ba bantsi.

Mo potsolotsong babadi ba boditswe gore ba tlhalose dikakanyo tsa bone ka ga se se itumedisang thata le dikakanyo tsa tse di tlhokang go tokofatswa. Go tswa mo tirisanommogo e e kgolo e re e amogetseng go bonagala gore morafe wa YBB ba setse ba amogetse Eish! mme ba e bona e le kgatiso ya bone.

Re ka rata go le loma tsebe ka ga dikakanyo dingwe.

Eish! Mabaka a a ratiwang thata:

• Popo e e ntle ka pampiri e e phatshimang e tsholetsa kgatiso.• Go dirisiwa ditshwantsho tse dintsi.• Diathikele di a farologana mme di a kgatlhisa, di lebane mme di tlhalosa

mabaka a jaanong jaana ka botlalo.

2 3/

Page 5: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

I 5

Lekwalo la tlhomo la potefolio ya go ikatlhola le gaufi le go fetswa mme e tloga e phatlhalatswa gore e akangwe mme e buisanwe mo setlhopheng se segolo sa balaodi le baakatemi. Lekwalo le la tlhomo ke la bofelo mo tirong le mo dipuisanong tsa diteng tsa potefolio le Khansele.

“Selo se se botlhokwa ke gore ga re a tshwanelwa go na le ditiragatso tsa boleng mo maemong a a siameng mme re tshwanetse go di dirisa le go di tokofatsa,” Ngk Eloff a bua. “Go tlatsa, go botlhokwa gore mongwe le mongwe wa tokolo ya badirimmogo le moithuti mongwe le mongwe, botlhe ba tshwanetse go itse gore go tokofatsa boleng ke eng mme ba nne le tlhaloganyo ya ka gale ka ga ditiro tsa go tokofatsa boleng mo ditikologong tsa bone tsa tiro le thuto”.

Bongwe

Molebo wa bobedi o tshwanetse go nna wa bongwe. Se se wela mo mabakeng a mararo, mme ke go lekalekantsha, tirisano ka go tshwana le go aga mowa wa bongwe.

Go ya ka go lekalekantsha, go na le dipholisi le ditiragatso tse di leng mo tseleng ya go lebagantshiwa. Ditlhokego tsa go ka ikwadisa le madi a dithuto ke tse pedi mo. “Ditiro tsa go lekalekantsha diporokerama di tshwanetse go tswelela ka maatla mme ke kopa thata baakatemi gore ba ithatlhele mo tirong e ka pelo yotlhe,” Ngk Eloff a bua.

Tirisanommogo ke motheo o o reng YBB e tshwanetse go nna kgolo go feta bogolo jwa dikarolo tsa teng. “Nngwe le nngwe le nngwe e tshwanetse go nna go feta tharo!” ga bua Ngk Eloff. Re dira jang tiro e? Ka go batla ka maatla dikarolo mo dikhampase di ka tlaleletsanang teng, re rutane mme re thusane. Ngk Eloff o dumela gore go na tsela e nngwe e fela, fa e le gore YBB e batla go bontsha gore ba ba rileng re ka se dirisane gore ba fositse le jaaka le ba ba ganetseng tshwaragano le ba ba reng ga go na diphetogo dipe.

Go aga mowa wa bongwe go thata mme go ja madi mme go ka se thibelwe mme go a tlhokega. Katlego ya malatsi a Thepiso magareng a dikhampase ka 9 Ngwanatsele 2007 ka mo Khampseng ya Potchefstroom mme gape ka 7 Mopitlwe kwa Khampaseng ya Vaal Triangle ke bopaki jwa

tirisanommogo. Ditirelo tse di ne di le monate thata mme re lebelela pele tirelo e e mo tseleng.

Tekatekanyo magareng a bongwe le dipharologano e tshwanetswe go tsamaisiwa sentle thata. Ngk Eloff o dumela gore pharologano, le fa e le botlhokwa, e a itlisa – bongwe re tshwanetse go bo aga.

Leano la Setheo

Leano la Setheo(Institutional Plan (IP)) le kaela tsela ya YBB mo tseleng ya boleng le bongwe. IP e e boeleditsweng e dumetswe ke Khansele ngwaga e e fetileng ka Ngwanatsele mme e tla tswelela go tlhomelwa ka 2008. E nngwe ya diphetogo ka mo IP ke popo ya polelopele e e ntšhwa ka dikarolo tse thataro tsa polelopele. Polelopele e e ntšhwa , e pele e ne e le boikaelelo jwa togamaano, ke go nna Yunibesiti e e fetogileng e e nang le tekatekano magareng a go ruta le go ithuta le patlisiso mme go ntse go tlhomelwa boitseanape jwa rona le go tswela mosola merafe le lefatshe la rona ka bophara.

Ka go arabela filosofi ya rona, mabaka a maratharo a polelopele ya rona a lebeletse sa ntlha, ditirokgolo tsa rona ka boraro, go latelwa ke maitshwaro, bolaodi jo bo siameng le diphetogo. Diphetogo di bonwa di le botlhokwa mme di na le ntlha ka bo-yone ka gore e bonwa e le botlhokwa thata.

Ka bokhutswane, dikarolo tsa polelopele di arabela filosofi ya YBB: re lebelela kgwebokgolo ya rona, re dira jalo ka gore re kgweediwa ke maitshwaro a rona, re emela bolaodi jo bo siameng mme nako yotlhe re dula re fetola – re fetola go arabela tiokologo e e fetogang go ya pele.

Ngk Eloff o gateletse mabaka a a rileng ka ga tlhogo e. Tse di akaretsa tswelelopele ka tekatekano ya diphetogo, setšhabatšhabafatso, tlhomelo ya motlele ya mafelo a patlisiso le tlhomelo e e tswelelang ya go arabela maitshwaro a tiriso a mane.

“Tse, ka kakaretso, ke tiro ya rona ya go tswelela ka 2008,” ga bua Ngk Eloff. “Tshegetsa tiro ya boitseanape ya tirokgolo ya rona, itse gore boleng ke tirokgolo ya mongwe le mongwe wa rona mme gakologela gore re tshwanetse go dirisanammogo go aga mowa wa bongwe mo Yunibesiting ka bophara. Ke le lakaletsa masego ka ditiro tse tsotlhe” ga feleletsa Ngk Eloff.

YBB e tsaya karolo e kgolo mo tsosolosong ya nyutlelia mo Aferika BorwaYunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le Pebble Bed Modular Reactor Pty (Ltd) of South Africa (PBMR) ka 26 Tlhakole ba saenile tumelano e ka yone PBMR e tla ntshang madi gore YBB e dire patlisiso ka mo tikologong ya boenjineri jwa nyutlelia. Eish! e ile ya nna paki mo tiragalong e ya sehisitori.

Tshaeno e ya khonteraka le PBMR ke sekao se sentle sa go bontsha gore patlisiso ya boitseanape e e tlhokegang, go fitisa thekenoloji le ditirisanommogo le intaseteri di kopana jang go tswela setšhaba

mosola. “Ka tirisano le PBMR le ka patlisiso ya boitseanape YBB e dirisitse

thekenoloji go tlhomamisa gore go na le dikarabo tsa tiragatso mo mathateng a rona a motlakase a a leng mo pele ga rona mo Aferika Borwa jaanong jaana,” ga bua Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB.

Moporof Frikkie van Niekerk, Mokaedi mokhudutamaga: Patlisiso le Popontšhwa, o rile gore YBB e ipeile pele go ka tsaya karolo e kgolo ka mo tsosolosong ya nyutlelia mo Aferika Borwa. Go tlatsa, tirisanommogo le PBMR e tla tlisetsa YBB dikhumo tse dingwe tsa mo thoko.

E nngwe ya mesola e e tla bonwang ke gore baithuti ba morago ga didikerii ba tla amogela maitemogelo a tlhwatlhwa e kgolo ka go direla mo diporojekeng tse tsa nnete. Ka mokgwa o YBB e fa khumo ya badiri ba ba nang le bokgoni jo bo thokegang ka mo intasetering e ntšhwa ya nyutlelia e e tsosoloswang. Mosola o mongwe gape ke gore Sekolo sa Morago ga Didikerii sa Bosaense jwa Nyutlelia le Boenjineri sa mo Khampaseng ya Potchefstroom se amogetse ikitsisitse ditšhabatšhaba gagolo. Sekolo se setse se etetswe ke ditlhopha tsa mafatshe a mantsi jaaka Korea ya Borwa, UK, Singapore, Jeremane le USA.

Ngk.Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri

– Ngwaga ya boleng le bongwe2008

Le fa YBB e ntse e dirisana gaufi le PBMR mo nakong e e fetileng, tumelano e e tla bulela tsela ya diporojeke tse dintsi tsa tirisanommogo.

E nngwe ya diporojeke go tswa mo tumelanong ke patlisiso ka mo lefelong la khemi ya femto le sepeketoropi sa lasara. E akaretsa mekgwa e mentšhwa ya go baakanya ditshwako le go di tlhaola botoka go feta gore palo ya tse di latlhiwang tse di kotsi mo tikologong ke intaseteri di fokotsege. Thekenoloji e e ntšhwanyana e e tla tswela mosola le dikarolo tse dingwe jaaka famasi, bolemirui, dithusa kotlo, maatla le lookwane.

Fakalthi e nngwe e e dirisanang gaufi le PBMR ka mo tirisanong e ke Fakalthi ya Boenjineri jwa mo Khampaseng ya Potchefstroom. Fakalthi e e dirisane le porojeke e ya PBMR go tloga ka 1997. Badirimmogo ba Fakalthi mo tshimologong ba ne ba filwe tiro ya go bopa se se bidiwang “thermal hydraulic design code” ya Flownex, e PBMR e setseng e e dirisitse go tloga ka 2000 go ba direla ditiro tsa go bopa.

Diporojeke tse dingwe tse di amiwang ke thekenoloji ya PBMR di akaretsa le tlhabololo ya tirego ya go ntsha letswai mo metsing a lewatle le go dira diteko tse di farologanang mo dikarolong tsa dimela dingwe. Patlisiso e e botlhokwa thata mo potsong e kgolo ya go na le motlakase o o ka tswelelang e diriwa kwa HTTF(Heat Transfer Test Facility), e e tlhometsweng ka 2006 mme e bopilwe ke dibebofatsi tse pedi tse di kgolo tsa diteko tse e leng HPTU (High Pressure Test Unit le HTTU(High Temperature Test Unit).

Tsweletso ya tsebe 1

Page 6: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

6 I

Yunibesiti e tla tlhoka go ipaakanyetsa ditshenyegelo tsa dijenereitara tse tsa disele gore di kgone go dira.

Go jang ka mo dikhampaseng tse dingwe?

“Dikhampase tsa Vaal Triangle le Mafikeng jaanong jaana di eme sentle ka motlakase wa tshoganyetso,” ga re Moporof Rost.

Kwa Vaal Triangle jenereitara e tsentswe ka 2007 morago ga go ša ga seteišhene sa mmasapala sa motlakase. Jaanong jaana se thelesa ditlhokego tsotlhe tsa khampase mme ka tlhabololo e e akangwang ka mo Khampaseng e ka se tlhole e be e lekane.

Go ka tshwara poo e ka dinaka jenereitara e e mo Potchefstroom e e fang dikago go dikologa Lover’s Lane motlakase jaanong e tla isiwa kwa Vaal Triangle go ba ema nokeng fa go ka na le tlhokego kwa pele. Se se ka diragala morago ga go tsenya diyuniti tse dintšhwa ka mo Khampaseng ya Potchefstroom.

Kwa Khampaseng ya kwa Mafikeng mo ba neng ba ntse ba na le mathata ka motlakase mo dingwageng tsa pele, go ne ga dira gore ba ipaakanyetse motlakase wa tshoganyetso ka go tsenya dijenereitara tse dinnye tse di fang kago e nngwe le e nngwe motlakase.

Thibela ditefiso

Tiriso ya motlakase e ka lekantshiwa sentle mo dikhampaseng tse tharo ka go na le thulaganyo e e bophara e e neng e le teng ka nako ya kopano ya go lekantsha tiriso ya motlakase ka mo Khampaseng ya Potchefstroom, mme morago thulaganyo e e ne ya okeletswa kwa dikhampaseng tse dingwe mme le kwa Ofising ya Setheo.

Gompieno thulaganyo e e tla re thusa thata go itshireletsa fa e le gore Eskom e tlile go re duedisa ditefiso fa re tlola bogolo jwa tiriso ya motlakase. “Thulaganyo e e tla re itsisa fa bogolo jwa tiriso e ya kwa godimo go feta selekanyo. Re tla dira dipalo go tlhomamisa gore ke tshenyegelo efe e e kwa godimo fa go bapisiwa ditefiso kapa go dirisa motlakase wa tshoganyetso. Fa go le jalo re ka dirisa motlakase wa tshoganyetso go tlhomamisa gore ga re tlole bogolo jwa motlakase o re o dirisang,” ga tlhalosa Moporof Rost.

O gatela gore motlakase wa tshoganyetso ga se wa tirisompe. “Didiriso tse ga di a tshwanelwa go dirisiwa letsatsi lotlhe – re santse re tlhoka motlakase wa rona bogolo go tswa kwa Eskom,” ga tlhagisa ene.

O tsibosa gape gore didiriso ga di a tshwanelwa go dirisiwa go tshwaragantse diura tse robedi mme go tura thata go di dirisa nako e telele.

Sekolo sa Boenjineri jwa Motlakase le Eleketeroniki ka mo Khampaseng ya mo Potchefstroom gammogo le moitseanape wa kwa ntle ba tla bopa thulaganyo tsa tsamaiso e e botlhale e e ka tsamaisang motlakase wa tshoganyetso ka kelotlhoko.

YBB e fenya tiro ya go kgaoganya motlakase

YBB ga e itlele fela ka ditharabololo tsa mathata a yone ka motlakase mme e fana le ka ditharabololo tsa mokgwa wa popontšhwa go merafe ya selegae, porofense le setšhaba sa rona go arabela

ditlhokego tse tsa go se nne le motlakase.Ka mo setšhabeng mor Louis van der Ryst, Mokaedi: Dibebofatsi tsa

Kemo le Togamaano o ne a emetse Yunibesiti mo kopanong ya HESA (Higher Education South Africa) ya go gakololana ka ditlamorago tsa motlakase o o tima-timang ka mo karolong ya thuto godimo.

Baenjineri ba Fakalthi ya Boenjineri ba ile ba buisana le bone le mmuso wa porofense go ka bona ditharabololo tsa bothata jo jwa go tlhoka motlakase mo porofenseng ya Bokone-Bophirima.

Gape Moporof Johan Rens wa Sekolo sa Boenjineri jwa Motlakase le Dikhomputara, gammogo le baenjineri ba mo Khampaseng ya Potchefstroom ba gakolola Mmasapala wa Potchefstroom ka ga poloko ya diporosente di le 10 go 15 e ESKOM e e kopang mo tirisong ya motlakase.

Dijenereitara di le thataro

Mo Khampaseng ya Potchefstroom YBB e tlile go itsenyetsa dijenereitara tse di maemo ka tshenyegelo ya dimilione tse R18 tse di tlileng go tsengwa ka mo hekeng ya go tsena ka mo bophirimeng jwa khampase mo seteišheneng ya motlakase wa mmasapala. Ditshenyegelo di balela le dikabole le diphetogo ka mo dikagong.

“Re tlile go simolola go tsenya dijenereitara tse tharo tsa ntlha ka Mopitlwe mme tse dingwe tse tharo re tla di tsenya ka mafelo a Moranang,” ga tlhalosa Moporof Rost. Tiro ya go di tsenya le go di dirisa e ka tsaya nako e kana ka dikgwedi tse tharo.

“Le fa mathata a motlakase o re wetse ka bonako go feta dikakanyo tsa rona mme mathata a le bophara go feta dikakanyo, Yunibesiti e setse e lemogile dingwaga tse pedi gore go ka na le molato ka motlakase mme ba simolola go akanya ka mokgwa wa popontšhwa ka kgang e,” ga bua Moporof Rost.

Moporof L J Grobler wa Sekolo sa Boenjineri jwa Metšhini ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ka 2006 o ne a setse a gakolotse ka ga theleso ya motlakase mme a tlhalosa gore go akantswe gore go ka diragala eng mme go ka ama ditiro tsa Yunibesiti jang. Bogakolodi jo bo dirile gore go tsengwe jenereitara ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ka 2006 le e nngwe kwa Khampaseng ya Vaal Triangle ka 2007. Kgakololo e e dirile gape gore tiro ya go ntsha ditendara e ntshiwe ngwaga e e fetileng e e ka dirang gore YBB e reke mme e tsenye dijenereitara tse dingwe ka 2008 le 2009. Mathata a motlakase o godile ka lebelo mme wa gore le kgala ya bobedi e tlhomelwe jaanong jaana gammogo le kgala ya ntlha.

Go itumedisa fela gore YBB mo tekanyetsong ya 2008 e ne e lekanyeditse theleso ya motlakase ka kgala ya ntlha mme ba ba tlisang dijenereitara ba rile ba ka emela tuelo ya bone go fitlhela 2009, jaaka go ne go lekanyeditswe.

“Jaaka ba-Aferika Borwa botlhe re tla tshwanelwa go akanya sentšhwa. Kwa magaeng re ne re tshwanetse go tlwaela mekgwa e mentšhwa le

go phela le tsone mme re tshwanetse go dira jalo ka mowa oo le ka mo tirong gore re dire ka tshiamo mo ntlheng e ya digwetlha.”

- Moporof Johan Rost, Mokaedi Mokhudutamaga: Ditšhelete le Dibebofatsi.

Badirimmogo botlhe ba mo YBB ba amiwa ke go tima ga motlakase ka tiro ya Eskom ya go kgaoganya motlakase. Eish! e ne e etetse Moporof Johan Rost, Mokaedi Mokhudutamaga: Ditšhelete le Dibebofatsi go utlwa gore Yunibesiti e loga maano afe gore re tlhomamise go ka tswelela ka tiro mo Yunibesiting.

Yuniti e le nngwe ya go tswa go Eskom e ja palogare ya 56c, mme ka dijenereitara tsa disele e ja madi a kana ka R2,50, go raya gore e tura gane le halafo go feta.

Page 7: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

I 7

YBB e mo maemong a a botoka go lwantsha bothata bo jwa motlakase go na le diyunibesiti tse dingwe. Ka re logile maano pele ga nako ka theleso ya motlhakase wa tshoganyetso Yunibesiti

e tsweletse pele go feta balekane ba rona ba e leng gone ba ntshang ditendara tse di leng kgang ya nako e telele ya go ka bona dijenereitara. Se se ne sa bonagala ka mo wekšhopong ya HESA(Higher Education South Africa) fela maloba ya ditlamorago tsa kgaoganyo ya motlakase ka mo karolong ya thuto godimo.

Mor Louis van der Ryst, Mokaedi: Kemo ya Dibebofatsi le Togamaano, yo o neng a emetse YBB kwa wekšhopong, o tlhalositse gore mathata a motlakase a beditse diyunibesiti le baithuti ba bangwe mo gare ga matlho. Mathata a a ilweng a bonwa ke mo baithuti ba mo ditoropong ba ka na le mathata a thwalo mme ba goroge morago ga nako mo dithutong. Mathata a diphetho tsa patlisiso e e diriwang mo nakong e telele di ka senyega mme se ke bothata bo bogolo jwa diyunibesiti.

Diphitlhelelo tsa wekšhopo di ne di le gore diyunibesiti di dumelane go fetisetsa tshedimosetso go HESA ka ga se ba se dirileng le se ba ikaelelang go se dira go arabela bothata jo. Se morago se tla dirisiwa mo togomaanong ya karolo ya thuto mme go neeletsanwe le Tona ya Thuto. Ntlha e nngwe ke gore Lefapha la Thuto le kopiwe go ntsha madi a mangwe go thusa ka ditiro tsa go tlhomela go ka rarabolola mathata kapa go amogela dipoeletso tsa madi a a dirisitsweng.

Wekšhopo ya HESA e sedifatsa maemo a motlakase wa YBB

Go fa tirelo ka mo morafeng wa Yunibesiti go na le kitsiso ka mo intraneteng ya badirimmogo e e tlhalosang mo go nang le mathata a motlakase mo khampaseng ya Tlhokomela Tlhase! Se ke go itsisa badirimmogo ka tshedimosetso ya dikgang tse di botlhokwa ka ga dikgang le kemo ya motlakase. Boroto e ya tshedimosetso e e fanang ka tshedimosetso le dikakanyo le dikgakololo ka ga kgaoganyo ya motlakase e ka bonwa kwa Tlhokomela Tlhase! ka mo tsebeng ya ntlha ya intranete.

Dirisa matlhole botlhale mme lekanyetsa ka kelotlhoko

Batsamaisi ba na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore tiriso ya matlhole a a ntshetsweng 2008 a dirisiwa sentle me ka boikarabelo le gore e tsamaisana le ditlapele tsa togamaano ya YBB. Molawana

wa gauta wa go se lebale ke gore tumelano ya tiro ya modirimmogo mongwe le mongwe e tshwanetse go na le tshwaragano le maikaelelo a togamaano a Yunibesiti.

“Ditumelano tsa tiro di tshwaragane gautshwane le tekanyetso le ditlapele tsa togamaano,” ga bua Moh de Beer. “Batho ba dirisa madi go fitlhela diphitlhelelo tse di beilweng ka mo ditumelanong tsa bone tsa tiro. Mo diphitlhelelo tse di lebaganeng le ditlapele tsa togamaano, jaaka di tshwanetse nako yotlhe, madi a a ka dirisiwang go fitlhelela diphitlhelelo di ka thusa le ditlapele tsa togamaano.” Go botlhokwa thata gore badirimmogo botlhe ba itse gore ditlapele tsa togamaano di raya eng le gore motsamaisi mongwe le mongwe o boikarabelo go tlhomamisa gore batho ba bone ba na le tshedimosetso e e tseneletseng ka ga kgang e.

“Tshwara ka mo tlhaloganyong gape, gore metswedi ga e mentsi ka gore lotseno la ketleetso ga e tsamaisane le go gola ga Yunibesiti,” ga re Moh de Beer. “Fa re akanya ka ga porojeke, o tshwanetse go ipotsa gore e tsamaisana le setlapele sa togamaano sefe mme jang. Se se tla tlhomamisa gore re dula le tsepame gore re dirise metswedi e e tlhokegang ka tshiamo.” O gatelela gore go lekanyetsa ke tirego e e tswelelang nako yotlhe. Fa badirimmogo ba ntse ba dirisa madi a a betsweng thoko mo tekanyetsong ya 2008 ba tshwanetse go simolola go akanya le go simolola ka tirego ya tekanyetsa ya 2009.

Ka mo kgatisong ya pele ya Eish!tlholositse gore tekanyetso ya 2008 e ema nokeng jang ditlapele tsa togamaano tsa YBB. Eish! e boditse Moh Elmarie de Beer, Mokaedi wa Setheo:Ditšhelete gore go na le dikaelo dife tse di leng teng go ka tlhomamisa gore matlhole a YBB a dirisiwa ka ditlapele mo kakanyong mme gape gore a re fe megopolo ya go lekanyetsa 2009.

Fa re na le megopolo ya go ka lekanyetsa ka kelotlhoko:• Fa o batla go simolola porojeke e ntšhwa ngwaga e tlang, se lebale go e

lekanyetsa mo tiregong ya tekanyetso ya ngwaga e.

• Fa o na le ditshenyegelo tse di sa akangwang ngwaga e, tlhomamisa

gore o bolokela ka mo dintlheng tse dingwe tsa tekanyetso ya gago go

ka tlaleletsa mo o tlodileng tekanyetso ka ditshenyegelo, sephiri ke gore

o tsamaise tekanyetso ya 2008 ka kelotlhoko ngwaga yotlhe. Se se ka

go fa tshono ya go ka fetola-fetola ka mo ditlheng tse di farologaneng

tsa tekanyetso ya gago, jaaka mo karolong ya ditshenyegelo tsa letsatsi

le letsatsi kapa mo ditshenyegelong tsa kapitale, mme o tshwanetse go

tlhomamisa gore ga o fete palokgolo ya madi a a filweng ofisi kapa

lefapha la gago.

• Fa o palama tsela kapa kgang e ntšhwa, tšhika kakanyo ya gago gore

o simolole go akanya gore o ka ikokeletsa lotseno jang, go na le gore o

kope madi ka mo matlholeng a YBB.

• Bala ditshenyegelo tsa NNETE tsa ngwaga ya ditšhelete ya pele ka

kelotlhoko ka gore gongwe ga o a dirisa madi jaaka o ne o lekanyeditse.

Fa o boeletsa ditiro tsa gago tsa pele o ka tsaya tsela e e gaufi ya nepagalo

gore mo tekanyetso e e tlang o se romele fela dipalo tsa ngwaga e e

fetileng gape le gape.

• Leka go se lekanyetse go feta – batho ba na le go kopa madi a ba sa a

diriseng mme se se dira gore ba ne le madi a a salang a mantsi a a kabo

a dirisitsweng ka khumo go gongwe ka mo tikologong ya YBB.

“Mmogo re ka tlhomamisa gore matlhole a dirisiwa ka kelotlhoko le gore tirego ya tekanyetso ya 2009 e relela fela, sephetho se be se nna gore kemo ya YBB ya ditšhelete e be e nna e e siameng e e tsetsepetseng,” ga feleletsa Moh de Beer.

Page 8: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

YBB e kgweediwa ke maitshwaro. “Batsadi ba itse gore Yunibesiti ga e fe bana ba bone fela thuto ya akatemi e e boleng mme ba amogela le bokgoni jwa bophelo jo bo tlhokegang gore ba ne la maphelo a a lekalekanang le a mosola.”

Dintlha tse dingwe tse di tlhaolang YBB tse Ngk Eloff a di beileng gaufi le pelo ke:

• Setso se se maatla sa boikarabelo se se leng ka mo badirimmogong ba mo YBB;

• Tlhotlheletso e e diriwang go badirimmogo gore ba “akanye ka mo ntle ga lesaka”

• Kemo nokeng ka ditiro tsa kgwebontšhwa le maikutlo le ditiro tsa gore “nka kgona” le

• Dikabelo tse di fiwang badirimmogo ba ba 20% ba ba itlhaolang ka mo tirong(e seng bakaedi le balaodi) ka go ba fa dibonase ka ga se ba se kgonneng ngwaga le ngwaga.

Le fa go le jalo, Ngk Eloff o tlhalosa sentle gore re se ikhutsetse mo moriting wa dikatlego tse re di boneng go fitlhela jaanong jaana. “Leeto go ya kwa boitseanapeng ke le le sa feleng,” a tswelela go bua.

Go fitlhela bokhutlo jwa leeto

Go fitlhela bokhutlo jwa leeto la boitseanape, Ngk Eloff o jesa nako ya gagwe ya 40% go ipaakanyetsa le go tsena dikopano tsa ka mo teng le batho ba mo YBB ka bongwe, le ditlhopha le dikomiti. Palo e nngwe ya 30% ya nako ya gagwe o dirisana mme o ja le batsayakarolo ba kwa ntle jaaka

Fela jaaka moanelwa wa thelebišhene wa The A-Team a tlhola a bua

le Ngk Theuns Eloff o rata fa leano le netefala. “Se se itumedisang gagolo mo tirong ya me ke go loga maano le badirimmogo ba me, go a tlhomela le go lebelela jaaka maano a ungwa.”

O dumela gore moetapele wa nnete o etela pele go sa ikgopole, o baya ditlhokego tsa ba bangwe pele ga tsa gagwe. “Ene o tshwanetse a be a lebeletse tirelo, go na le gore a ipopele batho ba ba ikgantshang.”

Moetapele yo o moswa

Boleng jwa boetapele jwa ga Ngk Eloff bo bonagetse a sa le moswa. O tsetswe mme o godile mo Potchefstroom, o amogetse dikerii ya BA ya Molao ka 1974 le ya boruti ka 1980 (cum laude) ka mo Potchefstroom University for Christian Higher Education (PU for CHE) ya pele. Ka nako ya dithuto o nnile moetapele wa SRC dilemo tse tharo mme ka 1979 o ne a le moporesidente wa mmele wa

baithuti ba Seaferikanse wa Setšhaba. Morago ga go tloga mo Potchefstroom ka 1980, Ngk Eloff o ile a boela

ditshing tsa noka ya Mooi ka 2002 go nna Moreketoro wa PU for CHE ya pele.

E rile ka Ferikgong 2004, e re kopano ya diyunibesiti e diragala mme ga bopiwa YBB a thapiwa go nna Motlatsa-Mokhanseliri nako ya dilemo tse di supang.

Tsela e e itlhaotseng

Morago ga dingwaga tse nne ka Ngk Eloff mo setulong, YBB e ile ya itemogela kopano ya diyunibesiti e e di fetang tsotlhe ka katlego mo Aferika Borwa mme ya gola go nna yunibesiti ka maleng a mantsi a go itlhaola.

Ka kakanyo ya ga Ngk Eloff, e nngwe ya maleng a YBB ke gore dikhampase tsa Potchefstroom le Mafikeng ke tsa lenaga mme le ya khampase ya Vaal Triangle e le mo ntle ga toropo ka lenaga le yone mme se se dira gore e nne tikologo e mo baithuti ba bolokegileng. Pharologantsho e nngwe ke gore

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

Moetapele yo o siametseng nako e e siameng

8 I

Ngk Theuns Eloff ke sepalami sa dipitse ruri. Fa o bontshiwa a ikwadisitse mo kgaisanong ya boitshokelo, a emiwa nokeng ke mogatsa Suzette.

Ngk Theuns Eloff le ntšwa ya lelapa, Frederik.

Go tlhola go buiwa ga twe Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB)o ne a le monna yo o siametseng dinako tse di siameng e rile YBB e bopiwa ka 2004. Ka karolo e e tswelelang ya ditiro tsa ditokololo tsa Balaodi ba Setheo, Eish! e ne ya ya go ithuta go feta ka ga Motlatsa-Mokhanseliri, maikarabelo a gagwe le dikakanyo tsa gagwe tsa boetapele.

Page 9: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

I 9

baalumni le baemedi ba mmuso. Ka a le Modulasetulo wa HESA(Higher Education South Africa) le Motlatsa-Modulasetulo wa ACU(Association of Commonwealth Universities), o tsaya karolo e kgolo ka mo thutong e e kwa godimo ya mo Aferika Borwa le ka kwa moseja. Go ka arabela maikarabelo a otlhe, palo e kana ka 30% ya nako ya gagwe e dirisiwa go eta!

Go ka bua ka tiro ya gagwe mo YBB, Ngk Eloff a re: “Ka ntlha ya motlele ya rona ya kgwebo, ke bona karolo ya tiro ya me e le mmuisisani magareng a dikhampase le Ofisi ya Setheo. Ke lebelela gape go ema nokeng batho ba ba mo tlase ga me le go ba gakolola gammogo le badirimmogo ba bangwe ka mabaka a a botlhokwa jaaka ditshono tse dintšhwa. Pele ka tsaya tshwetso, ke akanya sentle dipheletso tsa go tla mo YBB mme ke ka lebaka le nako e nngwe go tsewang ditshwetso tse di sa ratiweng mme e le gore ke tsone mo bofelo di siametseng YBB. Mo dikgannyeng tse, ke tlhomamisa gore batho botlhe ba ba amiwang ba itse sentle goreng tshwetso ya me e le e ke e dirileng”

Setlhopha sa “The A-Team”

Ka sego, Ngk Eloff ga a dire tiro ya bolaodi a le mongwe fela. Setlhopha sa “The A-Team” ka mo ofising ya gagwe e bopiwa ke batho ba batlhano ba ba bokgoni, ba ba nang le phisego le boitseanape.

Mor Frans du Preez ke motsamaisi wa ofisi, yo o tlhokomelang gore ditiragalo tsotlhe di tsamaya sentle le gore maikarabelo otlhe go ya kwa mmusong le kwa batsayakarolong ba mo teng le kwa ntle di a arabiwa. O tsamaisa le diporojeke tse dingwe jaaka Porokerama ya Tlhabololo ya Dikolo ka Bophara le Senteramo ya Boiphediso sa Baamogeladidikerii. “Frans o na le bokgoni jwa go akanya ka togamaano le ka ponelopele le kelotlhoko go rarabolola mathata ka kitso,” Ngk Eloff a tlhalosa.

Mor Theo Venter ke mogakolodi wa gagwe wa dipoletiki, motsamaisi wa diporojeke fa le fa le “morarabodi wa mathata” Ngk Eloff a bua mme a re: “O gakolola Balaodi ba Setheo(IM- Institutional Management) ka mabaka a dipoletiki tsa selegae le setšhaba mme o dirisa maitemogela a gagwe le letloa la batho ba a ba itseng go tswela YBB mosola”

Ngk Maarten Venter ke Motsamaisi wa Diporojeke ka mo ofising ya Motlatsa-mokhanseliri. “O na le bokgoni jwa go tlhomela le go tlhokomela porojeke kwa ntle ga mathata le ka bokgoni,” ga bua Ngk Eloff. Mo mabakeng a mangwe diporojeke di simololwa fela ka mo ofising ya gagwe mme morago di fetisiwe kwa go beng ba tsone. Ngk Venter o na le boikarabelo gape go fa Motlatsa-mokhanseliri le IM tshedimosetso ya tsamaiso e e nepagetseng.

“Moh Mpho Modupe, moamogedi wa me, le Moh Judy Heymans, motlatsi wa me yo e leng gone a thapiwang, ka bobedi ke diatla tsa me, ka gore ba rulaganya mme ba tlhomagantsha dikopano le ditiro tse dintsi tsa me. Mo dikgannyeng tse dintsi ke bone ba ntlha go bua le batsayakarolo ba ka mo teng le ba kwa ntle ba ba itshwaragantshang le Yunibesiti.”

Letsatsi la tlwaelo mo bophelong jwa Motlatsa-Mokhanseliri, Ngk Theuns Eloff

5:00 Tsoga mme ya go palama Dakar, pitse ya me. Morago ga go ja sefitlholo le Suzette, mosadi wa me, ke ipaakanyetsa letsatsi le le tlhagafatsang kwa YBB.

07:00 Goroga kwa ofising mme ke ipaakanyetsa kopano ya Balaodi ba Setheo ya mo mosong gammogo le direketoro tsa dikhampase.

08:00 Nna modulasetulo wa kopano ya Balaodi ba Setheo.

11:00 Ke nako ya go etela kwa Gauteng ka lebelo go tshwara kopano ya Komiti ya Bakhudutamaga ya HESA(Higher Education South Africa), ke letsa mogala go ba ba botlhokwa go tswa mo koloing (Ee, ke dirisa sediriso se se sa bofeng mabogo).

13:00 Goroga fela mo teng ga nako go

ja dijotshegare le ditokololo tsa Komiti ya Bakhudutamaga ba HESA.

14:00 Kopano ya simolola mme ke ba etela pele ke le modulasetulo.

17:00 Ke itekela ka mo parakanong ya pitlagano ya Gauteng go ya kwa hoteleng ya Hilton go ja dijo le batsayakarolo.

18:00 Etela pele dipuisano le badiredi

ba bagolo ba tiragatso ba dikgwebo tsa baetapele go bofela ditirisanommogo tsa togamaano.

21:00 Sala morago le ditsala tse di neng di jele mmogo go totla le go godisa botsalano.

23:00 Morago ga letsatsi le le phaphamisang ke nako ya boroko jaanong. Moh Mpho Modupe,

moamogedi

Moh Judy Heymans, motlatsi wa sebele

Mor Frans du Preez, Motsamaisi wa Ofisi

Ngk Maarten Venter, Motsamaisi wa Diporojeke

Mor. Theo Venter, Mogakolodi wa Dipoletiki

Dijo tse a di ratang: BobotieBuka/Filimi e a e ratang: Buka ka ga filosofi ya bolaodi, Good to Great, ka Jim Collins mme gape tsa Di-“Western” tsa ga Louis La Moore. Ke eng se se go itumedisang: Metlae e e siameng le mabaka a a tshegisang. Se ke ratang go se bona mo bathong: Phisego le botserere ka mo sengweng.Ditsholofelo tsa me mo setšahabeng sa Aferika Borwa: Gore re amogelane gotlhe-gotlhe, go fana lefelo la go farologana le go na le bokgoni jwa go itshega le go tshegana. Boitiso: Go tshameka Golf le go palama pitse ya me e e bidiwang Dakar.Boitapoloso jo bo fetang tsotlhe tsa pele: Go jela nala kwa Serengeti kwa Tanzania le kwa setlhakeng sa Zanzibar le balosika ba me ka 2007. Balosika ba me: Mogatsa, Suzette, mokaedi wa Sportron, morwadiake yo mogolo, Tania (31) ke morutabana wa Montessori teacher mme o nyetswe ke Louis Coetzer, yo e leng moenjineri wa motlakase, morwadiake yo monnye, Cecile (27), ke motlhatlheledi wa nakwana kwa Khampaseng ya Vaal Triangle mme jaanong jaana o dira dithuto tsa MA ya molao wa thuto mme mo bofelong, ka go sa lebale, ke ntšwa ya me ya Boerboel, ke Frederik, le ene ke karolo ya balosika.

Dikgwetlho tsa bokamoso

Go ya ka Ngk Eloff, YBB e lebagane le dikgwetlho tse di tlhagafatsang. “Ka maikaelelo le ka ithaopo jwa me ke tla rata YBB e ikemela go nna mo go tse tlhano tsa ntlha mo Aferika Borwa le gape gore e amogele tlotlo ka mo dikarolong tse dingwe go tswa kwa moseja.

“Ka dikakanyo le ditiro tsa popontšhwa le dirothodi tsa mohau le tshegofatso, re bopile motlele wa kgwebo e e re fileng bokgoni jwa go fenya kopano le go gola go nna yunibesiti ya bokgoni le boitseanape,” a feleletsa.

Page 10: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

DIKGANG TSA THUSO YA PATLISISO

10 I

Pono e e ntšhwaya mafelo a patlisiso mo YBBMotlele e e ntšhwa ya mafelo a patlisiso e dumetswe ke Senete ya Yunibesiti, mo go letlelwang setlhopha sa babatlisisi ka mo sekolong sengwe le sengwe mo khampaseng e nngwe kapa e nngwe go ka kopa go nna babatlisisi ba lefelo le le itlhaotseng, lefelo le le tsepameng, yuniti kapa senteramo ya boitseanape.

Motlele ya mafelo a patlisiso e ntšhwa e e dumetsweng e na le bokgoni jwa go ka tokofatsa khumo ya patlisiso gore mo bofelong Yunibesiti e fitlhele e le mo gare ga diyunibesiti tse tlhano kapa tse

thataro tse di kwa godimo tsa diyunibesiti tsa patlisiso mo Aferika Borwa. Motlele ya patlisiso ya pele e ne e bopilwe gore go ne le Mafelo a a

Tsepameng a Patlisiso le Diyuniti tsa Patlisiso mme jaanong motlele e e ntšhwa e bula ditshono tsa tlhabololo le go gola ka tlhaloso e e lesedi le keraiteria e e gagametseng ka mo dileweleng tse di farologaneng tsa mafelo a patlisiso.

Moporof Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Thuso ya Patlisiso, o itumetse mme o na le tsholofelo ka ga motlele e ntšhwa. “Ke dumela gore e tla oketsa boleng jwa patlisiso le popontšhwa, tirisanommogo, khumo, tlhabololo le matlhole a madi,” ga bua ene.

Ka mo tlase ga motlele e ntšhwa, dikhampase tsa YBB di tla tlhabolola mme di tla tsamaisa mafelo a tsone a patlisiso. Tirisano ya poreamari e ka nna babatlisisi go tswa mo Khampaseng e nngwe fela mme e ka bulelwa tirisano ya dikhampase tse dingwe.

Tirego ya jaanong jaana

Tirego ya go tla ka dikopo tsa mafelo a patlisiso e setse e simolotse. Go bopa sentšhwa mafelo a patlisiso a a tsepameng le Diyuniti - mo go tlhokegang – jaanong jaana go atlholwa ke baitseanape ba kwa ntle ba mo mafelong ao. Morago ga tirego e, Khomišhene ya Thuso ya Patlisiso ya Setheo e tla ithuta direpoto tsa baatlhodi mme ba ka dira dikatlanegiso go IM, Senete le go Khomiti ya Setheo ya Patlisiso le Popontšhwa. Tirego e e tla fetswa ka mo kgaolong ya ntlha ya 2008.

Motlele ya go laola e e dirisiwang jaanong jaana ya patlisiso le popontšhwa ka mo YBB e tla itsisa mme e tla thusa motlele e e ntšhwa ya mafelo a patlisiso. Motlele wa go laola e tlhotlheletsa mme e fana ka thuso mme e fa phisego ya patlisiso le popontšhwa ka mo dikhampaseng tsotlhe, fa e ntse e bopa tlhaolo ya setheo mme ka nako e le nngwe, e letlelele dipharologanyo mo teng ga bokgoni jwa batho le jwa dikhampase.

Tse di latelang ke dilewele tsa mafelo a patlisiso:

• Mafelo a Patlisiso a a itlhaotseng Lefelo la Patlisiso le le itlhaotseng ke setlhopha se sennye sa babatlisisi

se se lebiling ntlha e e rileng se se tlhophilweng ke khampase, se nna karolo ya leano le le bophara la togamaano ya khampase le Yunibesiti, mme se maatla ka patlisiso ya mo setšhabeng. Khampase e tshwanetse go ruta didikerii tse di dumetsweng ke Lefapha la Thuto mo leweleng ya MA ka mo dirutweng tse di leng melebo ya poraemari ya mafelo a a itlhaotseng. Ditokololo tsa setlhopha sa babatlisisi ba Lefelo la Patlisiso le le itlhaotseng di tshwanetse go bontsha gore ba na le khumo e kgolo ya patlisiso.

• Mafelo a Patlisiso a a tsepameng Lefelo la Patlisiso le le tsepameng ke setlhopa sa babatlisisi ka tsepamo

e e rileng, se se tlhophilweng ke khampase, se nna karolo ya leano le le bophara la togamaano ya khampase le Yunibesiti, mme mo kgetsing e, se tshwanetse go itshwaragantsha le ditlapele tsa setšhaba ka patlisiso e e fetolang tikologo, go na le gore e fetole fela mo gae ka patlisiso. Tšhelete ya palotlase ya 50% ya lotseno la patlisiso ya Lefelo le le tsepameng le le tshwanetse go tswa kwa metsweding ya kwa ntle. Baithuti ba MA le PhD ba tshwanetse go katisiwa ka tirisanommogo mo Lefelong le le Tsepameng. Ditokololo tsa setlhopha sa Lefelo le le Tsepameng di tshwanetse go supa tswelelopele ya go oketsa khumo ya patlisiso.

• Yuniti ya Patlisiso Yuniti ya Patlisiso ke tiro ya patlisiso e e kgolo e e amogelwang ke

setšhaba, nako e telele ya dirutwa tse di farologaneng mme go tlola melelwane ya dirutwa. Yuniti ke e e tlhophilweng ke khampase, e nna karolo ya leano le le bophara la togamaano ya khampase le Yunibesiti, mme fa e tshwanetse go tshwaragangwa le ditlapele tsa setšhaba mme e tlise diphetogo tsa patlisiso tsa setšhaba. Yuniti e tshwanetse go na le palo e kgolo ya ditokololo tsa ruri tsa mo teng mme nako le metswedi ya teng e tshwanetse go dirisiwa gaufi le yotlhe fela ka mo patlisisong e e tsepameng e e dumetsweng. Palo e kana ka mme e seng tlase ga 60% ya lotseno la patlisiso e tshwanetse go amogelwa go tswa go mefuta-futa ya metswedi, go baletswe le tsa bagaisani le metswedi ya ditšhabatšhaba. Go tshwanetse go nne le bopaki jwa khumo ya patisiso e e bonagalang ruri ka mo Yuniting ya Patlisiso mme go nne le tirisanommogo ya baithuti ba morago ga di-PhD.

• Senteramo ya Patlisiso ya Boitseanape Senteramo ya Patlisiso ya Boitseanape ke e e amogelwang ke

ditšhabatšhaba, ya nako e telele ya dirutwa tse di farologaneng mme go tlola melelwane ya dirutwa. Senteramo ke e e tlhophilweng ke khampase, e nna karolo ya leano le le bophara la togamaano ya khampase le Yunibesiti, mme fa e lekalekantswa le le mafelo a mangwe a patlisiso, Senteramo e tshwanetse e be e tshwaragane le ditlapele tsa ditšhabatšhaba mme e tlise diphetogo ka mo ditšhabatšhabeng. Palo e kana ka mme e seng tlase ga 75% ya lotseno la patlisiso e tshwanetse go amogelwa go tswa metsweding ya kwa ntle. Go tshwanetse go nne le bopaki jwa khumo ya patisiso e e bonagalang ruri ka mo senteramong. Go tshwanetse go nne le hisitori ya katiso ya baithuti ba morago ga di-PhD ka bongwe ka bongwe le ka dikatiso tsa tirisanommogo mo ditlhopheng.

Dipotso ka ga mafelo a patlisiso di ka lebiswa kwa go Moporof Amanda Lourens kwa [email protected], kapa kwa (018) 299 2558.

Kabelo ka kgatiso ya diathikele tsa patlisisoKa ngwaga ya 2010 YBB e ikaeletse go nna Yunibesiti ya teketekanyo magareng a dithuto le patlisiso. Go ka kgona go fitlhela ntlha e, Yunibesiti e fana ka ditlhotlheletso tse di farologaneng go aga bokgoni jwa patlisiso mo badirimmogong ba akatemi. E nngwe ya ditlhotlheletso tse ke ya IREA(Institutional Research Excellence Award) Kabelo ya Setheo ya Boitseanape ka Patlisiso e e tlhotlheletsang badirimmogo go gatisa diathikele tse di amogetsweng semmuso tsa patlisiso.

Motlele e e agilwe mo thulaganyong ya go lekantsha boima ya dikgatiso mo dijenaleng tsa ditšhabatšhaba le mo gae le thulaganyo ya go lekantsha boima jwa poeletso ya kgatiso. Go ya ka motlele e badirimmogo ba amogela dikabelo ka athikele e nngwe le e nngwe e e gatiswang ka kabelo e kgolo go di feta ka athikele e e gatisiwang ka mo jenaleng e e amogetsweng semmuso ya ditšhabatšhaba.

Go fana ka tlhotlheletso go oketsa palo ya dikgatsiso ya ditšhabatšhaba mo dijenaleng tse di btoka go feta ke go lebagana le kopo ya setlhopha sa kwa ntle se se neng sa atlhola patlisiso ya YBB ka 2005. Ba boditse Yunibesiti

Page 11: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

Lefapha la Thuso ya Patlisiso fela malobanyana ba ne ba tshwere kopano ya go ikaga setlhopha le go loga maano ka kwa nokeng ya Vaal. Fa, badirimmogo botlhe ba ipaakantse go oketsa maitemogelo a go tlolela le go kokobala mo metsing:Mo pele go tswa mo molemeng go na le

Moporof Aman-da Lourens le bomme Hanne-kie Botha le Zita Prinsloo. Kwa morago go tswa molemeng go na le bomme Ronel Pieterse, Corné Muller le Ria van Schalkwyk.

DIKGANG TSA THUSO YA PATLISISO

I 11

Ditshono tsa go amogela madi a patlisiso ka Patlisiso-AferikaPatlisiso-Aferika kapa Research-Africa, ke motswedi wa motlakase wa tshedimosetso, e tokofaditswe go nna laesense ya setheo ka mo YBB. Se se fa badiri ba yone tshono go ka ithaisetsa yone gore e go itsise le gore o kgone go ka bona tshedimosetso ya patlisiso ya lefatshe lotlhe le tshedimosetso ya popontšhwa, le gape go ka bona ditshono tsa go ka amogela madi a patlisiso le kemo nokeng ka mo Aferika.

Ka 2007, Yunibesiti e ile ya leka tirelo e ka dilaesense di le 15. Thulaganyo e e kgobokantsha tshedimosetso ka mo lefatsheng ka bophara ya patlisiso mme e bontshitse gore e mosola o mogolo mme ke ka lebala le e tokofaditsweng ngwaga e.

Patlisiso-Aferika ke motswedi wa data mo o ka batlang teng e e betletsweng badirisi ba mo Aferika. E na le dikgang tsa lefatshe ka bophara ka ga saense, thekenoloji le dipholisi tsa popontšhwa mme gape le dikgang tse dintšhwa tsa patlisiso ka mo Aferika.

Ka mo godimo ga badiri ba ba ithaisetsang dikitiso, badirisi ba amogela tshedimosetso gabedi ka beke ka ga mabaka a a botlhokwa go amana le bosaense le thekenoloji mo Aferika mme gape le lekwalodikgang la motseleganyi la kgwedi le kgwedi. Gape ba na le ditshono tsa matlhole a madi, a a ntšhwafatswang letsatsi le letsatsi.

Tirelo e e ka ikwadisetswa kwa http://www.research-africa.net.Go ka amogela tshedimosetso e nngwe ka ga tirelo e ya motlakase,

ikopantshe le mme Ronel Pieterse kwa [email protected] kapa kwa (018) 299 1366.

Dikitsiso tsa matlhole tsa kgwedi le kgwediTiro e nngwe e e botlhokwa e e diriwang ke Lefapha la Thuso ya Patlisiso ke go itsisa babatlisisi ka ga ditshono tsa go bona matlhole.

Ka mo godimo ga go tlisa tshedimosetso ya matlhole a a leng teng ka kgobokanyo ya data ka motlakase, Patlisiso-Aferika, Lefapha gape le phatlhalatsa kitsiso ya matlhole a aleng teng kgwedi le kgwedi ka eposo go ya go babatlisisi ba ba maemo ba YBB le mo batsamaising ba dikhampase mo dikhampaseng tse tharo mme ka go sedifatsa ditshono tse dintšhwa tsa kgwedi le kgwedi.

Malatsi a bofelo a go kopa madi a tshwanetswe go elwa tlhoko:

• “Franco-South African Scientific Cooperation Programme” (PROTEA) - 1

Moranang 2008

• “Ford Foundation’s International Intellectual Property Initiative Priorities

(IIPI)” - 23 Motsheganong 2008Go ka bona ditshono tse dingwe tsa go kopa madi, etela kwa wepeng

ya patlisiso kwa: https://intranet.nwu.ac.za/en/in-im-rs/researchfunding/fundingopportunities/index.html

Dikopo tsotlhe tsa ditheo tsa matlhole di tshwanetse go romelwa ka tsela e e fetang mo Lefapheng la Thuso ya Patlisiso.

Fa o tlhoka tshedimosetso e nngwe le e nngwe ka ga ditshono tsa matlhole a patlisiso, itshwaragantshe le mme Hannekie Botha kwa (018) 299 2542.

go “itlhomamisa gore e tlhotlheletsa mme e abela kgatiso mo dijenaleng tse di botoka go feta tse di leng teng mo baakateming”.

• Go ka fana ka ditlhotlheletso jaaka IREA• Go tlhotlheletsa mme go tlotla babatlisisi ba ba gatisang diathikele tse di

amogetsweng semmuso;• Go oketsa diyuniti tsa kgatiso ka bophara ka mo Yunibesiting kwa ntle ga

go latlhegelwa ke boleng le go tlhomamisa gore go fitlhelwa maikaelelo a a beilweng ka mo leanong la togamaano;

• Tlhotlheletsa badirimmogo go gatisa ka tlhomamo; le • Go tlhotlheletsa boleng jwa dikgatiso.

Go ka amogela tshedimosetso e e tseneletseng, itshwaragantshe le mme Zita Prinsloo kwa [email protected] or (018) 299 2559

Tsebe ya Wepe: Thuso ya PatlisisoLefapha la Thuso ya Patlisiso fela maloba e tokofaditse mme e phatshimisitse tsebe ya wepe – mo Inthanete le mo Intranete.

Dipholisi tsotlhe, diforomo tsa kopo, ditshono tsa kopo ya matlhole le tshedimosetso e nngwe gape e e tsamaisanang le patlisiso di teng ka mo intranete ya badirimmogo kwa: https://intranet.nwu.ac.za/en/in-im-rs/fileplan/research/index.html

Tsebe ya wepe ya Thuso ya Patlisiso e teng ka mo Inthanete go feta ka tsela ya legae la YBB (www.nwu.ac.za). Setshwantsho se tlhalosa gore o ka fitlha jang koo:

Tsebe ya wepe ya rona e beilwe go go ema nokeng – ka kopo o ka romela dikakanyo le dikgopolo le dipotso kwa go mme Ronel Pieterse kwa [email protected] kapa o letse mogala kwa (018) 299 1366.

Ditokololo tsa Lefapha la Thuso ya Patlisiso ba nyatsa noka ya Vaal ka dikokobatsi tsa bone ka nako ya go ikaga setlhopha le go loga maano.

Page 12: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

Dipololwana go tswa go HESA

HESA(Higher Education South Africa), ka tirisano ya Lefapha la Thuto(DoE), ba tlile go kopa tirelo ya agente ya kwa ntle go dira diporokerama tsa go tlhabolola bokgoni jwa ditokololo tsa Dikhansele mo karolong ya Thuto Godimo.

Tshwetso e e tseilwe ka kopano ya boto ya HESA ka Diphalane 2007 morago ga go lemogwa gore Dikhansele di tla bona mosola wa go tlisetsa ditokololo tsa bone ditiro tse di rileng tsa go tokofatswa. Tiro e e tla nna karolo ya Leano la HESA la tiro ya bone ka 2008.

Moporesidente Thabo Mbeki o ne a amogetse tiro e ka boitumelo mo kopanong ya Setlhopha sa Tiro sa Moporesidente sa Thuto Godimo.

12 I

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO LE KHANSELE

Kabelo e tlotla katlego ya YBBka tiriso ya dipuo tse dintsi

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ke yone moetapele ka ditiro tsa yone go dirisa dipuo tse dintsi le go aga setšhaba mo Aferika Borwa ka mo karolong ya thuto godimo mo dingwageng tse di lesome tse

di fetileng. Se ke kakanyo ya PanSALB(Pan-South African Language Board), e e

tlotlileng YBB ka kabelo ya tumelo e e rileng, e e abetsweng ka tirelo ya maphatsi-phatsi e e neng e tshwerwe kwa Emperor’s Palace kwa Gauteng.

Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo le mmopi wa pholisi ya dipuo tse dintsi ka mo YBB, o dumela gore mokgwa o yunibesiti e tlhomelang pholisi ya teng ya dipuo tse dintsi e dirile gore baatlhodi ba fe yunibesiti temogo mme ba abele kabelo e.

“YBB e itumeletse kabelo thata,” ga bua Moporof Verhoef. “E re tlhotlheletsa go tswelela ka tsela e re leng mo go yone ya tiriso ya dipuo tse dinsi e YBB e e palameng.”

Bokaedi jwa Dipuo jwa YBB e tlhometse palo ya diporojeke tse dintšhwa tsa popontšhwa go tseledisa tiriso ya dipuo tse dintsi e e kgonagalang ka mo yunibesiting le mo tikologong.

Porojeke e nngwe e e bulang tsela ke ya sediriso sa phetolo ya mafoko ya TransTips e e dirang gore intranete ya badirimmogo e bonagale ka dipuo tse nne tse di leng Seaferikanse, Seesimane, Seswana le Sesotlho. Tirelo e nngwe ke tirelo ya go fetola ka mo diphaposiborutelong ka mo dikhampaseng tse pedi tsa YBB mme le ka mo Kholetšheng ya Bolemirui ya Potchefstroom mme gape tirelo e ile ya oketswa gape go ya kwa dikolong tse pedi.

YBB e isitse bofetoledi kwa pele gape. Go tswa mo patlisisong ya mo mmarakeng, Bokaedi jwa Dipuo bo ile jwa lemoga gore le karolo ya thuto ya dikolo le yone e ka bona mosola o mogolo ka tirelo ya bofetoledi. Ka ntlha e Bokaedi bo ile jwa tsaya tsela ya go kgwebofatsa boitseanape jwa bone fela maloba. Go tswa ka mo patlisisong, Bokaedi bo ile jwa bopa yuniti ya kgwebo e e bidiwang TransVox, e e tla tswelelang go sekaseka ditshono tsa go kgwebofatsa bofetoledi ka mo mmarakeng.

Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo, YBB.

Dipolelwana go tswa go KhanseleMokwadisi wa Setheo: Nako ya thapo ya ga Moporof Chris van der Walt, Mokwadisi wa Setheo wa YBB wa pele e fedile ka 31 Sedimonthole 2007. Gammogo le balaodi, Khansele e ile ya leboga Moporof. Van der Walt ka karolo ya gagwe ka tiro ya kopano le ka tiro ya tsamaiso ya Khansele ya Yunibesiti.

Morago ga tiro e tseneletseng ya go tlhaola, Khansele e ile ya thapa Ngk Themba Mosia go nna Mokwadisi wa Setheo go tloga ka 1 Ferikgong 2008 (Phetlholela kwa tsebeng ya 3 go bala go feta ka ga Mokwadisi wa Setheo yo montšhwa).

Leano la Setheo le le boeleditsweng: Khansele e dumetse Leano la Setheo(IP) le le boeleditsweng le le nang le maikaelelo a go fetola YBB go nna “yunibesiti e e nang le tekatekanyo magareng a go ruta le go ithuta le patlisiso, e e tlhomelang boitseanape jwa teng ka popontšhwa”. Maikaelelo a IP a ile a boeletswa mme ga lemogwa mabaka a polelopele a a thataro. (Phetlholela kwa tsebeng ya 5 go bala go feta ka ga IP).

Khansele e dumetse tekanyetso ya 2008 ya dibilione di le R1,45 le gape dimilione di le R484 tsa madi a togamaano. Tekanyetso e e lebagantshitswe gautshwana le IP mme e arabela ditlapele tsa togamaano tsa yunibesiti.

Botokololo jwa Khansele: Nako ya thapo mo Khanseleng ya bathapi ba Tona, Ngk Lydia Sebego, Modulasetulo wa Khansele, Mor Gulam Mayet le Mor OJJ Tabane e fedile ka 11 Tlhakole. Maina a ditokololo tse dintšhwa tse di ka bidiwang ke Tona ya Thuto, Moh Naledi Pandor, a tla itsisiwa fa a biditswe semmuso.

Dipholisi: Dipholisi tse di latelang di dumeletswe ke Khansele:• Pholisi ya Diakhaefe, Dimusiamo le Dikgobokanyo • Pholisi ya Bogwele (jwa Badirimmogo)• Pholisi ya Dilaeborari tsa Setheo• Pholisi ya Patlisiso le Popontšhwa Dipholisi tse di ka amogelwa ka mo wepeng kwa: http://www.nwu.ac.za/gov-man/policy/index.html.

Tlhabololo: Melawana ya Kgalemo ya Baithuti: Palo ya malatsi a go itsisa ka ga katlholo ya moithuti ka nako ya dikgato tsa kgalemo di tlhabolotswe go tswa go malatsi a a lesome go ya go a matlhano.

Komiti ya Thuno le go Arabela: Khansele e ile ya dumela gore leina la khomiti e fetoge go nna Khomiti ya Thuno, Go arabela le Taolo ya Ditekeletso.

Komiti ya Kgakololo ya Ditirelo tsa Kemo nokeng ya baithuti:Advisory Committee on Student Support Services (ACSSS): ACSSS e kopane sa ntlha ka 22 Ngwanatsele 2007 mme e ile ya fetsa mabaka a tsamaiso a yone.

Ditlha tsa Dikopano tsa Khansele: Ditlha tsa dikopano tsa Khansele tsa 2008 di ka bonwa mo wepeng kwa http://www.nwu.ac.za/hsc/Secretariat/Council/index.html.

Page 13: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

I 13

Tirelo ya go toloka e sedifatsa maphelo a barutwanaBokaedi jwa Dipuo ka mo YBB bo isitse tirelo ya bone ya go toloka ka mo diphaposing kwa sekolong sa bobedi ngwaga e. Ka mo godimo ga sekolo sa Hoërskool Frikkie Meyer kwa Thabazimbi, Potchefstroom Central Primary School ka mo Potchefstroom jaanong le seone se bona mosola wa porojeke e ya popontšhwa. Eish! e boditse Moporof Marlene Verhoef, Mokaedi wa Setheo: Bokaedi jwa Dipuo, gore a re lome tsebe.

Thabo*, mosimanyana yo monnye ga a ise a tshege mo phaposing ka gore ga a ise a je monate ka mo sekolong. Mme ka

letsatsi lengwe, e rile a utlwa thuto e rutiwa ka leleme la ga mme, Setswana, sefatlhego sa gago sa sedifala, mme a tlala ka ditshego.

Thabo ke yo mongwe wa barutwana ba ba supang ka mo phaposing ya kgala ya motheo kwa Central Primary School ka mo Potchefstroom yo o amogelang tirelo ya gotoloka jwa YBB ngwaga e.

“Go ka utlwa kgang ya ga Thabo le go bona tlhabololo e e diragetseng ka mo bophelong jwa gagwe, ruri ke lesedi le mosola wa boiphediso jwa me,” ga bua Moporof Verhoef.

Maikaelelo mo porojekeng ya go toloka ka mo sekolong sa ga Thabo ke go lemogisa gore go tolokela mo puong ya leleme la ga mme la bana go tokofatsa jang gore ba tlhaloganye diteng tsa dithuto le go tokofatsa tirisanommogo ya bone mo phaposing le go oketsa maduo a bone.

“Fela morago ga dibeke tse pedi, ditlhaloganyo tsa bana le go tshwara ga bone, tirisanommogo ya bone mo phaposing mme le maitshwaro a bone a ile a tokofala,” ga bua Moporof Verhoef.

Porojeke e nngwe ya dikolo ke e e tlhometsweng kwa Hoërskool Frikkie Meyer kwa Thabazimbi ngwaga e e fetileng, mme e tswelela ka katlego. Le fa porojeke e ile ya tlhomelwa fela ka mo phaposing ya bosaense jwa khomputara, jaanong e tlabolotswe le kwa dirutweng tsa bioloji le ekonomiki ya kgwebo mo digerateng tse di junia.

“Ka lebaka la dikatlego tsa kwa Frikkie Meyer le gape mo Central Primary School, jaanong jaana e lebelela bokgoni jwa go ka godisa tirelo e go ya kwa dikolong tse dingwe - ka tsholofelo, gongwe kwa diporofenseng tsotlhe,” ga bua Moporof Verhoef.

Ditirelo tse tsa go toloka ka mo dikolong di emiwa nokeng ka ditšhelete ke baemeladitshenyegelo go tswa mo ditoropong tse go fetolelwang mo go tsone mme baranodi ba ba katisiwang mme ba thapiwang ke Bokaedi jwa Dipuo, ke batho ba kwa magaeng kwa dikolong. Bokaedi jwa Dipuo bo fana ka maano a kgwebo go ka thusa dikolo go bona baemeladitshenyegelo le go tsamaisa diporojeke.

Porojeke e ya toloka ke karolo ya maikaelelo a Bokaedi jwa Dipuo go kgwebofatsa boitseanape jwa bone. Dikolo tse di tseneng mo porojekeng ba tsene morago ga dipuisano le dikopano tsa sebele. Ka mo godimo ga motheo wa dikatlego tsa dikolo tse, porojeke e ka godisiwa go ya kwa dikolong tse dingwe gape ka mo Aferika Borwa. Badirimmogo ba dikgwebo ba setse ba simolola go buisanwa.

Mo thoko ga go toloka ka mo dikolong, tirelo ya go toloka e diriwa le kwa Kholetšheng ya Bolemirui ya mo Potchefstroom, mo dikhoso tsotlhe di tolokwang. Ka mo dikhampseng tsa YBB go na le palo e e ka nang 60 ya batoloki le batlatsi ba ba thapilweng ke Bokaedi jwa Dipuo jwa mo Setheong go ka kgona go fa tirelo ya botoloki ka mo diporokerameng tse di rileng tse di botlhokwa jaaka Boenjineri le Bokemisi.

Bokaedi jwa Dipuo, ka tirisanommogo ya badirimmogo ba diyunibesiti tse dingwe ba ikaeletse go kwala diathikele tsa patlisiso tse di mmalwa ka tlhogo ya botoloki ka mo thutong. Diyunibesist tse dingwe ba ba dirisang le bone dipuo tse dintsi ba lhola ba tla go etela ka mo YBB gangwe le gape go ka tla go bona tiragatso ya tirelo ya bofetoledi.

* Leina la morutwana le fetotswe go sireletsa botho jwa gagwe.

Barutwana ba babedi ba kwa Central Primary School ba reetsa ka kelotlhoko jaaka Moh. Dipuo Maphakathi, mofetoledi wa Bokaedi jwa Dipuo wa YBB, a toloka thuto go tswa kwa Seesimaneng go ya kwa Setswaneng.

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

Page 14: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

14 I

Kgotlhang ya kgatlhego:dula ka segakolodi se se phepa

Dipolelo go tswa kwa IM

A o kgwebisana le Yunibesiti? A khampani kapa terasete kapa molosika o o gaufi le wena o bona mesola ya madi ka tirisano le Yunibesiti? Fa go le jalo ga ka na le kgotlhang ya kgatlhego, thata fa e le gore mabaka a a kwa ntle a fetola maikarabelo a gago a go nna mothapiwa wa YBB. Le fa go sa re wena o phoso, kgotlhang ya kgatlhego e tshwanetse go lemogwa, e itsisiwe kapa e tsamaisiwe sentle. Pholisi ya kgotlhang ya kgatlhego e tlhalosa dikaelo go ka rulaganya mabaka a.

Pholisi ya kgotlhang ya kgatlhego e balelwa mo bathapiweng botlhe ba YBB, go baletswe le babatlisisi ba morago ga PhD ba ba dirisanang le YBB go ya ka dintlha tsa tumelano, khonteraka ya kabelo kapa

tlhamo.

Dintlha tse di botlhokwa go elwa tlhoko ka mo pholising ya kgotlhang ya kgatlhego ke tse:• Kgotlhang ya kgatlhego e teng fa e le gore wena, molosika wa gago

yo o gaufi kapa khampani kapa terasete ya semolao di na le tirisano ya kgwebisano le YBB mme se se fetola tiro kapa boikarabelo ka mo tirong. Ka mo kgetsing e e jalo, ga se gore ga o dire tiro ya gago ka tshwanelo, mme ntlha ke gore a o kgona go tsaya ditshwetso kapa go fetola ditshwetso tse di ka go tlisetsang khumo go na le gore e nne ya Yunibesiti kapa badirisani ba yone.

• Fa go ka na le kgotlhang ya kgatlhego e tshwanetse go thibelwa mme se e le molawana wa tlwaelo. Dikgotlhang tse (kapa dikgotlhang tse di ka diragalang) di tshwanetse go itsisiwa go batsamaising ba modirimmogo mme ba tshwanetse go tsaya dikgato go sireletsa modirimmogo mme go thibelwe kgotlhang ya kgatlhego. Fa e le gore mo mabakeng a a sa tlwaelesegang, ka kitso e e rileng le ka tumelano le batsamaisi ba lewele e e siameng, kgotlhang ya kgatlhego e lemogwa, dithulaganyo tse di amogelesegang di tshwanetse go kwadiwa mo tumelanong ya gago ya tiro go ka tsamaisa tirisanommogo ya gago mo ditirong tse. Go fa sekao, tumelano ya gago e ka kopa gore o ntshiwe kapa o se tseye karolo mo ditshwetsong dipe tse di ka tswelang wena kapa khampani kapa molosika mosola.

• Thulaganyo ya yunibesiti ya tuelo e dumela badirimmogo go ja mmogo mo mesoleng ya madi kapa mo diphitlhelelong tsa dipopontšhwa mme di le diporojeke tsa kwa ntle(go sa balelwa matlhole a kwa ntle a a tshwailweng) le diabe, mme gape le ditsadiso tsa dikhampani tsa mo thoko. Pholisi e tlhalosa gore go kgaoganya lotseno le le mo tlase ga dikakanyo tsa batsamaisi, mme se se le mo tlase ga go balela ditiro tsotlhe mo Yunibesiti kapa/le modirimmogo ba ka bona moputso wa madi le mo go ka balwang ditshenyegelo tse di tsamaisanang.

• O letlelelwa go na le kgatlhego ya ditšhelete mo ditirong tse e seng tsa Yunibesiti fa e le gore ga go tlise kgotlhang ya kgatlhego. Se se diragala fa e le gore ditiro tsa gago tsa kwa ntle di amana le tiro le boikarabelo tsa gago tsa mo YBB. Fa e le gore o dirisana le tiro nngwe ya kwa ntle mme se se ka tlisa kgotlhang ya kgatlhego le boineelo, o tshwanetse go itsisa se go motsamaisi mo godimo ga gago. Gape mafelo a a ka tlisang mathata a tshwanetse go buisanwa le go rarabolwa ka mo tumelanong ya tiro ya gago. Sekao, se se ka tlhalosa gore ga o a tshwanelwa go dirisa nako ya gago ya tiro ya Yunibesiti, dithuo le metswedi go itirela kgwebo ya poraefete.

Se se ka kgatlhang ke gore nako e nngwe kgotlhang ya kgatlhego e ka tswela mosola Yunibesiti le bathapiwa ba yone. Go fa sekao, dikhampani tsa bobedi tse di dirisang dikarabo tsa patlisiso ya YBB go ka tlhabolola dikhumo tsa bone di ka bona katlego go feta fa badirimmogo ba YBB ba le mo ditirong tsa tsamaiso mo go tsone.

Ntlha e e tshwanetsweng go se lebale ke gore ditiro tse di jalo di ka diriwa fela ka kitso le tirisanommogo le tetlo ya Yunibesiti.

Pholisi e e tletseng e ka bonwa mo lefelong la wepe la YBB kwa http://www.nwu.ac.za/opencms/export/NWU/html/gov-man/policy/ICT_Policy.pdf

Ka mo kgatisong e e letelang ya Eish! re tla tlhalosa pholisi ya go kgobokantsha madi.

Kolokiamo ya dikhampase tsa YBB: Motlotlegi wa tlholego Ngk Patrick Moore, o ne a bua dikakanyo tsa gagwe ka ga tiriso ya motlakase wa nyutlelia le go gotela ga lefatshe ka nako ya leeto la gagwe la malobanyana ka mo YBB. Mathata a fela maloba a motlakase a tlhotlheleditse Aferika Borwa go batla motlakase o o siameng o o ka tswelelang go baletswe le go aga difeme tsa motlakase tsa nyutlelia tsa tlwaelo le tse dintšhwa tsa Pebble Bed Modular Reactor tse YBB e thusitseng thata go di aga. Ya kwa tsebeng ya borataro go bala go feta ka ga leano la Yunibesiti go arabela mathata a motlakase.

Bebofatsi ya Tlhokomelo ya Boitekanelo: Balaodi ba Setheo(IM) ba dumetse gore go agiwe kago e e ntšhwa ka mo khampaseng ya Potchefstroom go tsenya bebofatsi ya tlhokomelo ya boitekanelo e e sa feteng dimelione di le R3. Tumelo ya go ka tswelela go ka lebelelwa kwa Khanseleng ka Mopitlwe 2008 gore go tseiwe tshwetso.

Thuno ya HEQC: Go baakanyetsa thuno ya HEQC e batla go tsena mo lebelong jaanong. IM e ne e etse tlhoko tlhaloso ya tsamaiso ya boleng ka metswedithusong ya batho, e e leng karolo ya potefolio ya go ikatlhola. Fa o ka rata tshedimosetso e e tseneletseng ya potefolio ya go ikatlhola le thuno ya HEQC ya kwa intranete mme o klike ka mo ditlapele tsa togamaano kapa “strategic priorities”.

Katiso ya balaodi ba bagolo: IM e kopantshitse setlhopha sa tiro go sekaseka porokerama ya katiso ya tlhabololo ya baetapele ya balaodi ba bagolo. Tiro e e latela morago ga go lemoga tlhokego e, e e lemogilweng ka sebaka sa katiso ya balaodi ba bagolo e e neng e rutiwa ke Ngk Theo Veldsman. Mabaka a mararo a a tlhokang go katisiwa ke katiso ya motheo ngwaga yotlhe mo balaoding ba bantšhwa, katiso ya balaodi ya ngwaga le ngwaga e e lebeletseng thata ntlha e e rileng le katiso ya go ka tlhatlhosa le go tlhabolosa badirimmogo.

Letsatsi la Metshameko magareng a Dikhampase: ISRC ya YBB ka 1 Mopitlwe 2008 ba ne ba tshwere letsatsi la metshameko magareng a dikhampase. Baithuti ba dikhampase tsa Mafikeng, Potchesfroom le Vaal Triangle ba ne ba tshwere dikgaisano ka mo metshamekong e e farologaneng.

Lefapha la Thuto le etela kwa Mafikeng: Thomeletso ya Lefapha la Thuto malobanyana ba ne ba etetse kwa khampaseng ya Mafikeng mme ba ne ba kgatlhegile gagolo ka tse di fitlhetsweng mo khampaseng. Thomeletso e ne ya solofetsa gore go na le tshono e kgolo ya go ka bona matlhole a madi mo khampaseng ya Mafikeng mme IM e ile ya tlhagisa kopo ya matlhole a mangwe a kana ka dimelione di ka nna R83,1. Morago ga leeto le Tona ya Thuto, Mme Naledi Pandor, o ile a tla go bula semmuso dikago tsa Fakalthi ya Bosaense jwa Thuto mo Khampaseng ya Potchefstroom.

Page 15: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

I 15

Pele … Badirimmogo ba ntlha ba Ofisi ya Setheo(OS) ba ipaakanyetsa go tloga ba hudugela kwa kagong ya C1. Khudugo ya OS e tla diragatswa ka dikgala tse nne; ya ntlha e tla diragala magareng a 17 le 21 Mopitlwe 2008, ya bobedi magareng a 25 le 28 Mopitlwe 2008, ya boraro magareng a 7 le 11 Moranang 2008 mme ya bone magareng a 14 le 30 Moranang 2008. Ka ntlha ya ditiro tse di tshwanetseng go, mafapha a OS jaaka IT, Dibebofatsi tsa Nnete le Maano le Tsamaiso ya Ditšhelete ga di tle go huduswa kwa kagong ya C1. Dinomoro tse dintšhwa tsa mogala, diofisi le tsa poso tsa badirimmogo ba ba hudugelang kwa kagong ya C1 le kwa Ntlong ya ga Strijdom di tla itsisiwa fa di fetsa go bofelwa. Fa ditokololo tsa setlhopha sa porojeke ke Bomme Hester Klein (mo pele mo molemeng) le Ria Nel (mo pele mo mojeng), le borre André Massyn (mo morago mo mojeng) le Andrew Fouché ba mo ofising ya Motlatsa-Mokhanseliri, Ngk Theuns Eloff. Lebelela karolo e ya lekwalodikgong go bona gore ofisi e tla lebega jang fa e fetswa. Setshwantsho sa “Morago” se tla gatisiwa ka mo Eish! e e latelang.

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

Dipoelo tsa patlisiso di supa maikutlo a a posetifi

YBB e fa baetapele ba batlhatlheledi dikabeloPOTCHEFSTROOM – Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e tlhomile dipinagare tse pedi tsa hisitori ka e ne e le sa ntlha go abelwa batlhatlheledi ba batlhano ba kwa Khampaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) dikabelo tsa Kabelo ya Setheo ya go Itlhaola ka go Ruta(Institutional Teaching Excellence Award (ITEA)) mme batlhatlheledi ba babedi ba amogetse kabelo ya tlotlo ka boitseanape jwa bone ka ditiro tsa popo tsa bone ka tinara e e kgatlhisang.

Mor Ian Marley, motlhatlheledi mme motsweretshi wa sekolo sa Neeletsanyo gammogo le Ngk Franci Greyling, motlhatlheledi le mokwadi wa Sekolo sa Dipuo, ka bobedi go tswa mo Fakalthing ya Diatshe, ba ne ba le baamogedi ba kabelo e e tlhometsweng sa ntlha ka kakanyo ya Khampase ya Potchefstroom, ya botsweretshi kapa khumo ya go bopa.

Batlhatlheledi ba bararo gape ba amogetse dikabelo ka ba le batlhatlheledi ba baetapele ka mo dikhampaseng tsa bone. Bone e ne e le Ngk Helen Drummond wa Fakalthi ya Bosaense jwa Bolemirui le Thekenoloji wa kwa Khampaseng ya Mafikeng le Mme Betty Breed wa Fakalthi ya Bosaense jwa Thuto wa mo Khampaseng ya Potchefstroom le Ngk Werner Nel wa Sekolo Bosaense jwa Popo wa kwa Khampaseng ya Vaal Triangle.

Gape mo godimo ga ba, batlhatlheledi ba ba 29 ba mo Khampaseng ya Potchefstroom le ba batlhano ba kwa Khampaseng ya Vaal Triangle ba amogetse dikabelo tsa ITEA/KSIR.

Ngk Ngoato Takalo, Motlatsa-porinsipala le Mokaedi Mokhudutamaga:Go ruta le Go ithuta wa YBB, a re, KSIR e ikaeletse go tlhotlheletsa badirimmogo ba akatemi ba ba rutang mo dikhampaseng tsa YBB gore ba tlhabolole bokgoni jwa bone jwa go ruta.

Ngk Ngoato Takalo, Motlatsa-porinsipala le Mokaedi Mokhudutamaga:Go ruta le Go ithuta (mola wa mo pele, wa bobedi mo mojeng), le ditokololo tsa Balaodi ba Khampase ya Mafikeng ba fa baabelwa ba kwa Mafikeng diatla. Mo moleng wa kwa morago go tswa mo molemeng: Moporof Philip Iya, Mokaedi wa Sekolo sa Pele ga Didikerii - Molao, Moh Vuyo Wayi, (moabelwa), Ngk Mogege Mosimege, Motlatsa-Moreketoro, Khampase ya Mafikeng, le Moh Karen Visser, (moabelwa). Mo moleng wa mo pele go tswa mo molemeng: Ngk Helen Drummond, (moabelwa le motlhatlheledi wa moetapele), Ngk Nti Mokoena, Mokaedi wa Senteramo ya Tlhabololo ya Akatemi, Moh Thoko Magodielo, (moabelwa), Ngk Masabata Ranko-Ramaili, Motlhankedimogolo wa Tlhabololo ya Akatemi, ADC, Moporof Reinford Khumalo, Diini: Fakalthi ya Kgwebo le Moporof Sevid Mashego, Motlatsa-Moreketoro: Boleng le Togamaano. Yo a seng teng ke Ngk Kulasiri Perera, (moabelwa).

Dipoelo tsa patlisiso ya 2007 ya setso le kelaemete di teng jaanong mme go bonagala gore ka bophara, badirimmogo ba mo Yunibesiting ba arabile ka mowa o o posetifi. Go ka lemogwa ka

bophara kakanyo ke ya boineelo le go lemoga ga tokafatso. Ntlha e e posetifi gape ke gore dikarabo di le 718 tse di amogetsweng

ke koketso ya 89% fa e lekalekantshwa le 2005. Patlisiso ke e e latelang e e neng e dirilwe ka 2005.

Kakaretso ya dipoelo e tla fetisiswa go ya kwa ditokololong tsotlhe tsa badirimmogo mo YBB ka bophara ke Motlatsa-mokhanseliri, Ngk Theuns Eloff, le direketoro tse tharo tsa dikhampase. Gape dipoelo di tla beiwa ka mo intranete ya badirimmogo ka mo tlse ga tlhogo ya “Strategic Priorities”(Ditlapele tsa togamaano). Kopano ya tshedimosetso le Ngk Harry Swart wa What Works Consulting, agente e e dirileng patlisiso magareng a badirimmogo ba YBB ngwaga e fetileng, e ka tshwarwa le yone.

Morago ga go amogela repoto ya ditsebe di le 96 go tswa go agenteng go ne ga bidiwa Komiti ya mo YBB go dira kakaretso go tswa mo repotong. Kakaretso e e ne ya beiwa tafoleng kwa kopanong ya IM(Balaodi ba Setheo) ka 27 Tlhakole 2008 mme e tla ya le kwa kopanong ya Khansele ka 14 Mopitlwe 2008. Mabaka a a tlhokang go lebelelwa a tla buisanwa ke IM pele gore mabaka a mangwe a tokofatswe jaaka a bontshitswe mo repotong.

Dipoelo tsa patlisiso di tla thusa go kaela IM le badirimmogo go maatlafatsa setso sa Yunibesiti ka mekgwa e e tshegetsang ponelopele, polelopele le Leano la Setheo.

Page 16: KGATISO 2 NO. 1 MOPITLWE Lekwalodikgang la bathapiwa la … · Curriculum Vitae ya ga Ngk Mosia e bontsha kgang ya boitseanape jo P: Ponelopele ya gago ya ofisi ya Mokwadisi wa Setheo

DIKGANG TSA BOLAODI JWA SETHEO

16 I

Letsatsi la bobedi la thepiso le aga mowa wa bongweBadirimmogo ba YBB ba ba neng ba tsene letsatsi la bobedi la thepiso magareng a dikhampase le le neng le tshwerwe ka 7 Mopitlwe 2008 kwa Khampaseng ya Vaal Triangle e e ntle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ba ne ba ithepisitse monate ruri. Eish! e ne e le teng go tsaya ditshwantsho ka mo letsatsing le le neng le tletse menate le ditshego.

Go tswa mo pele mo molemeng, ka mowa o o kwa godimo ka mo kokobading mo nokeng go na le bomme Eliza Loeto, (Khampase ya Mafikeng), Liezl de Bruyn, (Khampase ya Potchefstroom), Chimone Barends (Khampase ya Potchefstroom) le Sponi Tlholoe (Khampase ya Mafikeng) Ba ba lebeletseng ke bakgweetsi ba babedi ba kokobadi le moh Sonette Feirreira (Ofisi ya Setheo).

Badirimmogo ba tlogelela dibalunu di le 1000 ka mebala ya dikhampase le Ofisi ya Setheo go ya marung.

Boa-boa ra tsamaya…. Go aperwe mebala ya dikhampase le ya OS, badirimmogo ba YBB ba simolola ka go tsamaya dikilometara di le 3 kapa 5.

Ka puo ya ga Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Mokhanseliri wa YBB, ya go bula letsatsi semmuso, o rile gore letsatsi la thepiso ke sekao se sentle sa go bontsha le go ja bongwe jwa YBB ka mokete. “Le fa

e le maikaelelo a rona a bonnete go aga mowa wa bongwe, re itumelela le pharologano ka mo bongweng,” ga re ene ka go bona badirimmogo ba ba apereng mebala ya dikhampase mme mongwe le mongwe a tshwere dibalunu tse nne ka mebala ya dikhampase le ya Ofisi ya Setheo(OS). Morago ga puo ya gagwe ga ne ga tlogelwa dibalunu di le 1000 go fofela marung. Badirimmogo ba ne ba tshameka mme ba gaisana mmogo ka go tsamaya dikilometara di le 3 kapa 5, kgoga-kgogano, volley ball le kgaisano

ya go araba dipotso. Badirimmogo bangwe ba ne ba fenya leeto la go ka palama kokobadi ka mo nokeng ya Vaal morago ga go gogiwa maina.

Badirimmogo ba ba neng ba ikwadisitse ka mo letsatsing le la thepiso e ne e le ba ba 80 ba kwa OS, 137 ba Khampase ya Mafikeng, ba ba 99 ba kwa Khampaseng ya Potchefstroom le ba ba 113 ba kwa Khampaseng ya Vaal Triangle.

Letsatsi le le ile la rulagangwa ke Moh Ina van der Watt, Morulaganyi:Boitekanelo jwa Badirimmogo jwa YBB gammogo le setlhopha sa gagwe. Letsatsi la ntlha la thepiso le ne le tshwaretswe ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ka Ngwanatsele 2007.